Naledi

BR Highlanders e ketefaletsa Morupule Wanderers tsela

 

Maiteko a sone a go oketsa dintlha tse di ka se thusang go falola selepe se, a ne a thatafalela pele morago ga gore se tshameke maleka a nno setlhopha le sa Mahalapye sa BR Highlanders.

E rile fa setlha sa liki e se simologa ngogola, barati le balatedi ba kgwele ya dinao kwa Palapye ka kakaretso, ba bonwa ka menyenyo mo difatlhegong tsa bone, bangwe ba bolela fa jaanong ba tlaa nna le setlhopha se sengwe se se tlaa tsosolosang seriti sa kgwele ya dinao mo motseng oo. Setlhopha se sengwe sa Palapye ke Motlakase Power Dynamos.

Wanderers, e e tletseng banana ka dingwaga le ka mmele ba itekanetse, se ne sa tlisa di tsholofetso tse dintsi mo baaging ba Palapye. Go le kae? Ya re ka mafelo a beke sa leretse barati le balatedi ba sone matlhomola, ka go tshameka maleka le Highlanders, motshameko o e leng gore, fa se ne se fentse, se ne se ka solofela thata gore se tlaa falola selepe sa magagane.

Mo motshamekong o o neng o tshamekelwa ka lebaleng la Palapye Swallows, ditlhopha tsoo pedi di simolotse ka lebelo le le kwa go dingwana mme Wanderers ya nna yone ya ntlha go tshikinya letloa ka motsotso wa boferabobedi, nno e, e le ya ga Gaodingwe Modingwa.

Ya re metsotso e merataro fela morago ga nno e, Wanderers ya kgaola Highlander pelo fa e ne e leka go nosa gape ka lerumo la ga Maikutlo Moakofhi, a raga kgwele eo a le mo legareng la khubu ya lebala.

BR Highlanders, kana Stimela jaaka barati le balatedi ba yone ba bitsa, e ne ya leka go nosa ka motsotso wa lesome le borobabobedi ka thago ya ga Tshepo Molefhe.

Maiteko a ga Molefhe a se ka a atlega, ka batshameka morago ba Wanderers ba ne ba setse ba le gaufi go sireletsa. Ya re ka motsotso wa masome a mabedi le borataro, Stimela ya tlhasela gape, e ntse e le lesukasuke la ga Molefhe, a patilwe ke Brian Kobe, mme maiteko  a pala ka Kobe a ne a ragela kgwele kwa thoko ga dikota.

E ne ya re ka motsotso wa masome a mararo le boraro, Thato Kgale wa Wanderers, a neelwa karata e e serolwana morago ga go tshameka Otlaamoreng Nthumulang wa Stimela makgwakgwa. Charles Mojokeri wa Highlanders le ene o ne a amogela karata e e serolwana, a se na go gata Thopo Motengwa wa Wanderers. Moteng o ne a patelesega go tswa mo motshamekong mme Morupule ya tsenya Ookeditse Babusi mo boemong jwa gagwe.

Stimela e ne ya ikarabela ka motsotso wa masome a mane le boraro fa Otlaarongwa Nthumulang, a feleletsa kgwele e ntle ya ga Molefhe, a e latlhela mo dikoteng. Ditlhopha tsa ya go ikhusa di lekana ka dinno.

Morago ga boikhutso, dithopha tsoo pedi tsa nna tsa tswelela tsa leka go nosa mme tsotlhe tsa retelelwa ke go nosa nno ya phenyo.

Mokatisi wa Wanderers, Major David Bright, o ne a supa fa ba tshamekile bontle mme lesego la bone la se ka la fetoga dinno.

“Ga ke gakologelwe ka letsatsi lepe re fenya mo lebaleng le, go lebega re se na lesego la go fenya fa re tshamekela fa. Mme fela, ke itumelela gore basimane ba me ba lole ka natla; ke fela gore, re ne ra retelelwa ke go nosa. Fa re ka fenya motshameko wa rona wa bofelo kgatlhanong le Chobe, re tlaa bo re falotse selepe sa magagane, “a rialo Bright.

Mokatisi wa Highlanders, Oris Radipotsane, a re basimane ba gagwe ba tshamekile sentle le fa le bone ba tshamekisitse ditshono.

“Basimane ba lekile; tota ba dirile ka thata, ke fela gore go na le bothata kwa botsamaising jwa setlhopha. Re ikatiseditse motshameko o letsatsi le le lengwefela ka mabaka a go tlhoka go duelwa ga batshameki,” a rialo Radipotsane.

 

Ditlhopha

Morupule Wanderers: Ontiretse Kolobe, Thato Kgate, Thopo Motweng (Ookeditse Babusi), Katlego Mpoelang (Oweleng Baruti), Boipelo Oaitse, Ghalisano Johanne, Bokani Leeto, Tshepo Legopelo, Maikutlo Moakofhi, Joseph Kabelo, Godiraone Modingwane,

BR Highlanders: Molemi Koorang, Boikobo Osule, Charles Mojokeri (Gofamodimo Tarea), Tshepo Molefe (Mopati Motshudi) ,Tillie Setlhako, Otlaarongwa Nthumolang, Mogakolodi Balatotse (Letsile Montsho), Mompati Oabile, Agisanyang Ramaabya, Brian Kobe, Keorapetse Seloiso.