Blogs

Motho ga a tswe yo mongwe tema

Mme le gale, a re se tseye gore, tiro nngwe le nngwe e ntse jalo, ke e e batlang go tshwaraganelwa. Fa re ka tsaya jalo, botshwakga bo ka nna bontsi thata. E re motho a ne a ka kgona tiro, a nne fela, a se ke a e dire. E re a bodiwa gore ke eng tiro e sa dirwa, a etse Mokotedi, a iphemele a re , ‘Kana wa e esi  ga o ele.’  Nnyaa, fa go twe ga o ele, ga go reye jalo. 

A re itse gore, go na le ditiro dingwe tse motho a ka kgonang go di dira a le nosi. Tse dingwe tsone, a le nosi, di pale; di batle batho ba le babedi, ba le bararo kgotsa palo nngwe e e tsopana. Tseo ke tsone e reng go buiwa ka tsone, go twe, wa e esi, ga o ele. Ka lone lebaka le, re utlwa fa kwa Francistown, go na le mokgatlho mongwe o o bidiwang Francistown Women Collective. Ga twe mokgatlho o, o tlhamilwe ngogola ka Tlhakole, ke basadi ba le lesome le bobedi.  Go bolelwa fa jaanong Women Collective e setse e aname le toropo ya Francistown, e bile e na le maloko a feta masome a mararo.

Mosepele ga o tsamaiwe fela go se gope kwa o go yang. Potso jaanong ke gore, wa Women Collective mosepele one o lebile kae;  maikaelelo a mokgatlho ke eng? Go utlwala fa mokgatlho o, o leka go batla ditsela dingwe tsa go ka rarabolola dilo dingwe tse di amang matshelo a basadi. Dilo tse ke dife?  Dilo tse, ke tse ka gale re utlwang go bolelwa gore, ga di tshedise basadi sentle, di dira gore ba kokonelwe ke botshelo.

Sengwe sa dilo tseo ke kgang ya petelelo. Re a tle re utlwe ka metswedi ya dikgang, le ka batho fela, go twe mosadi mongwe, golo gongwe, o beteletswe, go itseetswe dikobo ka dikgoka. E se ke e nne kgang e e monate ka tota ga go a tshwanela go nna jalo. Gape, tiro ya go nna jaana e bolelwa e ka lere dilo dingwe tse di maswe jaaka malwetse mangwe a a botlhoko. Kwa ntle ga petelelo, go kgang ya kgokgontsho. Re nne re utlwe go twe, mosadi mongwe o iteilwe, o ketikilwe, kana o bolailwe ke monna mongwe. Go feta foo, re ka gakologelwa tiragalo ele, e go neng ga twe, e ne ya re motshegare, tsatsi le penne, kwa Gaborone Bus Rank, mosetsana mongwe a apolwa  mesese, a sala a sa ikatega.  Se, e nne yone kgokgontsho tota.

Kgang e nngwe, ke ya basadi go godisa bana ba le nosi. Go na le banna bangwe, ba e reng fela jaaka mosadi a re lebante le a tlhaela, ba bo ba inaya naga. E bo e le fa morwalo o saletse mosadi a le nosi. A lete, ngwana a bo a goroge, motho a ntse a ile. E re go bodiwa gore, rraagwe ngwana o kae, go twe o gatilwe ke terena. Fa re ka botsa gore, yone terena, e gata batho ba le kae ka ngwaga, e ba gatela fa kae, le gore, a e tlhaoletswe go gata borrabana fela, karabo e tlaa nna eng?  Monna a gatwe ke terena, mosadi a sale a rwele bokete, a godisa ngwana a le nosi. Tse, ke dingwe tsa dilo tse di tshwenyang Women Collective, mme e batla gore di batlelwe ditharabololo. Ka e lwela go tlhatlosa matshelo a basadi botlhe, e seng ba mokgatlho o fela, ga twe Women Collective, e ikuela mo setshabeng go e ema nokeng.

Jaaka gale, re ntse re tlhodumetse Dikgang/Daily News  mme re fitlhela polelo e ya Women Collective mo go yone.  Fa e bua ka fa mothusa modulasetilo a neng a itela ka teng gore setshaba se eme mokgatlho o nokeng,  Dikgang (Daily News/ Moranang 23 2018) ya re;

‘….. o ne a ikuela mo setshabeng go ba tswa tema…..’ Tlhoma temana e matlho mme o tlaa bona lefoko go ‘tswa tema.’ Ga twe setshaba se tswe Women Collective tema.

Gompieno kgang ya rona ke go supa gore, Setswana ga se re, go tswa tema. Re setse re kile ra bua kgang e, mme phoso ke eo, e ntse e a boelela. Jaanong le rona re a ipoeletsea, re ntse  re leka go baakanya.  Lenatetshapuo la tlhomamo la re, ‘go tsaya tema,’ e seng go tswa tema. A re re, Dikgethe o fitlhela Purere a rema tshimo. O tsaya selepe, o diga ditlhare tse nne, tse tlhano, a bo a fetela pele. Fa, re bona Dikgethe a thusa Purere. Setswana se tlaa re, Dikgethe o tsaya, o tsere Purere tema; se raya gore Dikgethe o thusa, o thusitse Purere.

Ga se ke se re, Dikgethe o tswa  Purere tema, kgotsa o mo tswa thuso jaaka bangwe ba tle ba bue. E re se fetela pele Setswana se re, ‘Tema ga e boe,’se raya gore, fa motho a go thusitse, le fa e bile a ka bo a sa dira sepe se sentsi, o se ka wa nyatsa, kana wa galala. Lebogela gore, fa a go dirileng, go fetile, ga go ke go boele morago. Ditlhare tse tlhano tse Dikgethe a di digileng tsele, di okeditse tema e Purere a tlaa bong a e dirile tsatsi jeno. Jaanong, a re itse jalo gore, motho ga a tswe yo mongwe tema, ga a mo tswe thuso, o mo tsaya tema, o a mo thusa. motshwanes@yahoo.com