Blogs

Lefoko leo ga le reye batsadi

Re utlwa go twe, e ne ya re ka yone kgwedi e, (Motsheganong) ga tshwarwa dikgaisanyo tsa mantshanyo kwa Letlhakeng mo Kweneng, e le tsa go opela. A mme maikaelelo a dikgaisanyo tse, ke go gaisanya fela, kgotsa go na le sengwe gape? Go ya ka pego, maikaelelo ga se go gaisanya fela, go bona gore yo o ka opelang botoka go na le yo mongwe, kana yo o ka tabogang thata go gaisa ba bangwe, ke mang.

Go begwa fa kwa tirong e, go ne go le modulasetilo wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi. Ga twe e rile Rre Batlhophi a bua ka maikaelelo a metshameko e, a re, ke go ntsha bana mo mekgwatlheng. Re dumela gore, mogopolo fa, ke go leka go thiba bana go nna fela ba sa dire sepe, mo ba ka tlogang ba felela ba aila le mebila, mme tota ba sa itse se ba se batlang. Mo gongwe ba tloge ba felele ba tsamaile ditsela dingwe, kgotsa ba dirile ditiro dingwe, tse e seng tsone. A mangwe maikaelelo ga twe ke go thusa banana go aga bokamoso jo e leng jone; ke gore, jo bo tiileng, mo ba ka tsogang ba kgona go inosa metsi, ba sa leba ope go ba direla jalo. Megopolo e yotlhe, e nne megopolo e mentle ka jaana motho o tshwanetse go itirela, e seng go leba gore mongwe, kana bangwe ba tlaa mo direla. Mme go supa gore ke motho a ka itirela, a ipelega, o tshwanetse go dira jalo a sale mmotlana fela jaaka Setswana se re, ‘Mutlwa wa noko o tlhabela bonyaneng.’ Godimo ga tse, bangwe ba re ba rata dikgaisanyo tse ka di tsosolosa ngwao e bile di thusa banana go supa ditalente tsa bone. Mme tsone dikgaisanyu tsele tsa Letlhakeng, tsa tsamaya jang? Ga go bolelwe palo ya ditlhopha tse di neng di ile go gaisanya. Fela re utlwa gore, go ne ga felela go fentse dikhwaere di le thataro go tswa mafelong a a farologanyeng. Ga twe go ne ga fenya khwaere e tswa Kopong, e nngwe Metsimotlhabe, e nngwe Molepolole, e nngwe Sesung, le di le pedi go tswa Tshwaane. Tse ya nna tsone tse di tlaa fetelang pele, go nna di lekana le tse dingwe go itlhokolediwa makgaolakgang.

Jaaka gale, re ntse re ikamile Dikgang (Daily News/Motsheganong 16 2018) mme fa e bega ka fa Rre Batlhophi a neng a gakolola banana go ikgapha mo ditseleng tse e seng tsone ka teng ya re;

‘…..e tlaa bo e le kgatlhanong le maikaelelo ao fa banana ba ka dira makgapha ka go ipolelela gore botsadi bo setse kwa malwapeng.’  Temana e, e bua ka fa mogolo a neng a gakolola bana ka teng. Leba mafoko a yone sentle, mme mo go one, o tlaa bona lefoko ke leo ga twe ‘botsadi.’ Lefoko le, le raya eng? Go araba potso e, re ne ra atamela Thanodi ya Setswana go batla tlhaloso ya lefoko ‘motsadi’ le ‘botsadi.’ Mme e tlhalosa mafoko a, e reng? Thanodi e tlhalosa lefoko ‘motsadi’ e re,  ‘monna kana mosadi yo o nang le bana.’ E ntse e le Thanodi e tla ka seane sa re. ‘Motsadi mooka o nya maroku.’ E se tlhalose e re, ‘Motsadi o kgona go otla bana ba gagwe le fa go sa itsiwe kwa a tsayang dijo teng.’ Re dumalane le Thanodi gore, motsadi tota ke motho yo o nang le ngwana. Le fa go ntse jalo, jaaka re tlwaetse, fa re tlotla, mongwe le mongwe o ka bidiwa motsadi le a ntse a se na ngwana; seo, e le tlotlo fela. Ka lefoko ‘botsadi,’ Thanodi ya reng? Fa e tlhalosa lefoko le, Thanodi ya re, ‘seemo sa go nna le bana le go ba tlhokomela.’ Pharologanyo e re e bonang fa gare ga mafoko a, ke eng? Pharologanyo ke gore, motsadi ke motho, fa botsadi e le seemo.  E a re ba ruta Setswana ba re go na le maina tota (proper nouns) le maina kgopolelo (abstract nouns). O botse gore, pharologanyo fa gare ga maina a, ke eng. Go twe, pharologanyo ke gore leina tota, ke leina la selo o ka se bona, wa ba wa se tshwara, fa leina kgopolelo lone, e le la selo o ka se ka wa se bona ka matlho, kana wa se tshwara. Mo go bo go raya gore motsadi/batsadi, ke selo tota re ka se bona fa botsadi bone, e le selo se sele fela. Jalo he, re se ke re bone go tlhamaletse gore e re go ka bo go twe batsadi, jaaka re bona fa godimo fale, go bo go twe botsadi.

Ba a tle ba re puo/teme, e a gola. E re e gola jalo, e bapale mafoko a masha, a mangwe a yone, a fetoge, a dirisiwe ka go sele, e seng jaaka a ntse a dirisiwa. Se, ke se re bonang se diragala malatsing ano. Re ineele gore, go ntse jalo. Mme re re, re tlaa nna re supe gore, Setswana tota sa reng. Ba botse gore, Setswana tota, re raya eng.  Re re, re raya se Motswana a tlholegileng a se bua, e seng sa gompieno se e reng boemong jwa ‘baakanya,’ go bo go twe ‘bankanya.’ Go twe, ‘Meika shuo gore dipotsane di nole.’ Ke sone se le gompieno re reng lefoko ‘botsadi’ ga le reye batsadi. Re utlwile gore Thanodi ya reng. Jaanong, a re tlhomame re re, ‘batsadi,’ e seng ‘botsadi.’ motshwanes@yahoo.com