Naledi

E a komakoma kwa Radisele

 

Banni ba buile se mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke barongwa bao ba bogosi jwa Ga Mmangwato bosheng, mme e ne ya re a rola mafoko a thomo, pele ga morafe o mo tsena ganong, Kgosi Michael Maforaga a bolela fa ba tsile phuthegong eo ka pitso ya morafe, mme kgang kgolo e le go batla moeteledipele wa motse.

Kgosi Maforaga o ne a bolela gore, e rile ngogola, morafe wa Radisele wa ntsha maina a le mane, e leng la ga Shatani Mmereki, Phillemon Motswasele, Gomolemo Baoliki le Michael Motshidi.

A re e ne ya re kgwedi ya Mopitlo e le lesome le bosupa, ba Radisele ba roma lekoko kwa Palapye go ya go rola molaetsa wa gore banni ba sa ntse ba ikepetse mo go one maina a a boletsweng ale.

“Ka jalo re tlaa isa maina ao jaaka lo a re neetse kwa go mong wa rona, Kgosi Sediegeng Kgamane, kwa Serowe gore, a itlhophele morongwa mo go one.” ga tlhalosa Maforaga.

Ya re Kgosi Maforaga a re ke gone jaaka a adile kgang, mme a ise a digele mafoko otlhe a thomo, ga runya modumo o o boitshegang mo kgotleng ya Radisele, e e neng e tletse thii! Morafe wa bolela fa o le kgatlhanong le pego ya gagwe.

Fa re a re o oba dinao go reetsa mabaka a modumo, banni ba mo tlhasela ka mafoko, ba bolela fa ba bopelwa kgomo ya mmopa; ba re ba ne ba romile lekoko go isa maina a mabedi fela, a ga Phillimon Motswasele le Gomolemo Baoliki, ba ba ba itlhophetseng bosheng e le kgosi le mothusa kgosi, ka go latelana ga bone.

Mo gare ga morafe ga bo go le Mojaboswa Jabeng, wa kgotlana ya Maphaphamane, mme o ne a re, “Dikgosana tsa rona di kopanye le bagolo ba motse mme ba re bitsa maloba gore re tle go itlhophela kgosi ka jaana nako e ile.

Ka jalo, go ka bo go amogelesega go utlwa Kgosi Maforaga a re lekoko le re neng re le romile, le ne la gorosa mafoko mme jaanong ba tsile go busa phetolo mabapi le seo, se morafe o se batlileng, e leng go itlhophela kgosi. Kgotsa fa e ne e le gore mongwe o kgatlhanong le tlhopho eo ka bo seong jwa gagwe fa go tlhophiwa. (This statement is unclear.Can we kill it?)

E rile Maforaga le Masogo ba sa ntse ba reeditse ka tsoo pedi, Rre Jabeng a bolela fa e rile ngogola, Rre Motshidi a ne a ikopela gore a ntshiwe mo maineng ao ka mabaka a itsiweng ke ene.

Jabeng a re, e le morafe, ba ne ba dumalana le ene mme ka jalo, ba ne ba ka reetsa fa go ne go ngongorega Rre Mmereki ka jaana go tlhophilwe a seyo, e seng Motshidi.

“Morafe o itlhophetse batho ba o ba tshephang mme wa eteletsa leina la ga Motswasele kwa pele ka maduo a ditlhopho tsa beke tse pedi tse di fetileng. Motswasele o tlhophilwe ke batho ba le 244, kgatlhanong le ba ga Baoliki ba le 77,” ga rialo Jabeng.

O ne a tswelela a botsa gore, go isiwe maina a bo mang ba ba sa tlhophiwang ke morafe. A re seo e tlaa bo e le go gataka ditshwanelo tsa bone e le morafe.  Gape o ne a re, morafe o setse morago tsamaiso, ka jalo, ga go na jaaka go ka isiwa maina a batho ba ba sa tlhophiwang kwa go  Kgosi Kgamane.

Kgosi Maforaga, yo a neng a lebega a setse a fedile pelo, o ne a kopa morafe go farologanya dikgang tse di amang komiti ya ditlhabololo tsa motse, makhanselara, mapalamente, le tse di amang dikgosi. A re morafe o tlodile molao wa bogosi (Bogosi Act) o o reng, Kgosi e ka tlhophiwa fela ke kgosikgolo ya ga Mmangwato.

A re maina a ba a neetsweng ga a tshwanela go amanngwa le ditlhopho tse ba di tshwereng bosheng, a bolela fa Kgosi Kgamane e le ene fela yo o ka tlhophang moemedi yo a mmatlang.

“Ke jaaka le bona go diragetse ka Kgosi Masogo le ba bangwe fela jalo,” Maforaga a tlhalosa jalo ka thulaganyo e e dirisiwang go tlhopha dikgosi kwa Ga Mmangwato.

O tsweletse a re, tsamaiso ya ditlhopho ga se ya bogosi, ke ya polotiki le VDC. “Re a go dirisa maina jaaka le a re neetse kwa tshimologong. Kgotla ke lefelo la morero mme morago ga seo, Kgosi Kgamane o tlaa tla a lo rolela gore mo maineng a le a ntshitseng, o tlhophile mang,” a rialo Maforaga.

Mothusi wa ga Maforaga, Rre Keetla Masogo, o ne a gatelela botlhokwa jwa go farologanya tsamaiso ya bogosi le polotiki, a re seo gantsi se tsisa ketsaetsego mo bathong bogolo jang banana. A re kgang ya ditlhopho e tsenya tlhakatlhakano e ntsi mo bogosing, ke ka moo molao wa bogosi o sa letleng gore go tlhophiwe.

 

Go ngunguna ga bo go tsweletse mo kgotleng, mme bobedi joo, jwa bolela fa ba sa tla go seka ba bo ba tlhalosa fa go sa tlhokafale gore lekoko le le neng le romilwe kwa Palapye le tlhalose sepe.

Ba ne ba ikopela go gololwa go boela morago, ba bolela fa ba tshaba go tloga ba belediwa mo kgotleng ya Radisele.

Mongwe wa lekoko le le neng le romilwe, yo gape e leng ene a neng a tsamaisa ditlhopho tsa maloba, Bontha Motshamana, a supa fa bone ba se phoso ka ba gorositse mafoko kwa Palapye jaaka ba ne ba a laetswe; a re, ga ba a oketsa maina.

Le fa go ntse jalo, morafe o ne wa gatelela gore, one o batla go salwa morago molao wa bogosi. Ba supa fa ba le bête se molangwana ka jaana go lebega fa dikgosi di na le leina lengwe le tsone di le batlang mme di umaka thata la ga Mmereki, le morafe o le ganneng ngogola.

Maforaga le Masogo ba feletse ba tsamaya phuthego e ise e fele mme ba supa fa ba na le mabaka a mangwe kwa ofising kwa Palapye. Ba ne ba konetelela kgang ka gore ba ya go isa maina a le mane, mme morafe wa supa fa o tlaa isa kgang kwa pele ka jaana ba batla go itlhophela moeteledipele wa bone.

Mo potsolotsong, Mothusa molaodi wa kgaolo ya Palapye, Ernest Phiri, o boletse fa ofisi ya gagwe, e e okametseng motse wa Radisele, e sa itse fa go na le madubadube ka bogosi jwa Radisele.

A re o itse fela gore Kgosi Botoka o ne a tlogela maemo ao. “Ga ke na go araba dipotso tse dingwe mme ke tlaa sala morago kgang e le Kgosi Masego Olebile,” Phiri a tlhalosa jalo ka bokhutshwane, fa a tsenye phuthego ya Khansele kwa Serowe ka Mosupologo.

Ditlhopho tsa bosheng

E rile bosheng, banni ba motse wa Radisele ba tsenelela eng? e leng Phillimon Motswasele, Gomolemo Baoliki, le yo o neng a ganwa ke morafe ngogola, Kgosana Shatani Mmereki.

Ditlhopho di ne tsa tshwarwa Kgosana Mmereki a se yo, yo go boletsweng a ne a sa tsoga sentle. Ka jalo, morafe wa dirisa maina a le mabedi fela, la ga Motswasele le la ga Baoliki.

Motswasele o ne a fenya ka batlhophi bale 234 fa Baoliki a ne a bona ba le 75, mme se sa rurifatsa fa morafe o batla Motswasele go nna kgosi ya bone.

Ditlhopho tse, di tla morago ga gore kgosi ya pele, Kakanyo Botoka, a tlogele tiro ka mabaka a a neng a itsewe ke ene, mme e bile go twe ga a laela morafe.

E ne ya re morago ga tiragalo e, mothusi wa gagwe, Kgosi Christian Ntebele, a tlogela tiro ka bogodi. E ne ya re ngogola go lebilwe ipelelo boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano lefatshe leno le ipusa, bogosi jwa Palapye, le dikgosana tsa motse wa Radisele, ba bitsa phuthego go tla go rolela morafe Kgosana Shatani, yo go neng go twe o tsena boemong jwa ga Botoka.

Tshwetso e dikgosi di neng di e tsere, e ne ya tsosa kgaruru mo motseng, morafe w abo wa gana go amogela Shatani, ba supa fa bone ba batla go itlhophela kgosi.

Botoka o sale a latlhela ngogola ka kgwedi ya Motsheganong fa Ntebele ene a ne a tlogela tiro ka bogodi ka kgwedi ya Lwetse.

Fa a tswa la gagwe maloba, morago ga ditlhopho, Motswasele o ne a supa fa a amogela thomo ya morafe, a ba a solofetsa fa a tlaa dirisanya le bone sentle.

Morafe wa Radisele le one o supile fa o itumeletse phenyo ya ga Motswasele thata, bogolo jang ka e sa ntse e le monana.

Banana ba motse oo ba tlhalositse fa go tlhoma kgosi ya monana mo motseng e le tshwetso e e lebanyeng ka a tlaa reetsa matshwenyego a bone, ka e le monana jaaka bone.

Motswasele o kile a nna modirelapuso e le morutabana mme a tlogela tiro go leka go ipereka. Dibui ka go farologana di boletse fa e le motho yo o wetseng dibete, a le tsebe ntlha go utlwa, e bile a le botho fela thata.

Mo potsolotsong le Naledi, mokhanselara wa Radisele, Rre Kgosiemang Monare, le ene o ne a nesetsa tshwetso e e tserweng ke morafe pula, a re go a itumedisa gore batho ba motse wa gagwe ba bo ba kgonne go emisa kubetsanyo e e neng e le teng mo motseng ka tharabololo ya ditlhopho.

Go a supagala jaanong gore mafoko a mopalamente Mme Mma Pelonomi Venson-Moitoi a gore kgang e, e baakanngwe ka pela, le one a sekegelwa tsebe ke morafe ka jaana ba dirile fela jaaka a ne a lopa.