Naledi

Mmolotsi o atla Khama

Wynter Mmolotsi
 
Wynter Mmolotsi

Kemonokeng ya ga Mmolotsi go Khama, e itshupile bosheng kwa Palamenteng jaaka go ne go ngangisanwa ka kopo ya madi a tlaleletso a maphata a a farologanyeng, e le a ngwaga wa 2015 le 2016.

Pego e ne e dirwa ke Motshwarelela Tona ya Lephata la Madi le Tlhabololo Itsholelo, ka nako eo, Nonofo Molefhi.

Ya re nako ya gore ngangisano e itebaganye le thebolo ya madi a ngwaga wa 2016 le 2017 e tla, Mmolotsi a sitega go nna fatshe mo setilong sa gagwe. Kgapetsakgapetsa, a dira jalo ka go kgaupetsa dibui tse dingwe, ka maikaelelo a go ema Khama nokeng, yo gape e leng mopalamente wa Domkgrag.

Nako ya bo e le yone ya gore Mmolotsi a bolele fa a ema  Khana nokeng gore, bogogi bongwe jwa maphata a puso ga bo ke bo netefatsa gore ditiro tse di botlhokwa di akanyetswa pele mo ditogamaanong, jaaka tsa go duela batho phimolo dikeledi. Mmolotsi a re batho ba sale ba kolotiwa madi a phimolo dikeledi go tswa dingwageng tse nne tse di fetileng.

A re lephata la ga Khama ke lengwe la a a tlhokang madi a mantsi, madi mangwe e le a go phimola batho dikeledi, e seng jaaka go itshupile fa lephata la ba tsaya ditlholwa le itshireletso le kopetswe madi a metlaletsa go baakanya dikhomputara. Mmolotsi a re madi a didikadike tse di lesome le botlhano (15million), a mantsi fela thata go abelwa DISS.

“Batho ba kolotiwa madi mme go setse go le sebaka se se leele ba sa duelwe. Bangwe ba ba neng ba bolawa ke diphologolo tsa naga, e ne e le ba malwapa a bone a lebileng mo go bone go ba tshetsa. Fa a a kgwa Mmolotsi dikgaba, Khama a dumelana le ene, a bolela fa a tshwentswe ke seemo se sa go tlhoka go atswa batho ba ba senyeditsweng,fa bangwe ba bolailwe ke diphologolo tsa naga.

Khama a re, kgang e nngwe e e sa mo robatseng, ke ya go kgaolelwa madi a a kopelwang lephata la gagwe ngwaga le ngwaga, a a ka bong a phimola batho dikeledi ka one.

“Ka ngwaga wa 2014 le 2015, re amogetse baikuedi ba le dikete tse nne le makgolo a matlhano (P4,500) mme ra abelwa didikadike di le masome a mane tsa Pula (P40 million), fa ka ngwaga wa 2015 le 2016, re amogetse ba le dikete tse thataro le makgolo a mararo (6,300), mme ra abelwa didikadike di le nne tsa  Pula (P4 milion),” Khama a rialo, mme a tswelela ka gore, e rile ba kopa madi a tlaleletso, ba se ka ba atlega. Khama o tsweletse a bolelela palamente gore, o hakgamaditswe ke didikadike di le lesome le botlhano tsa Pula (P15 milllion), tse go tweng di a go dirisiwa go baakanya dikhomputara tsa DISS.

O bile a kgwela ba Lephata la Madi le Tlhabololo Itsholelo botlhoko, a re, ka nako ya a tlaa bo a tlolelwa ke ditlhase kwa dikgaolong, bone ba tlaa bo ba le kwa ga mothakga, mo diofising tsa bone. E re go ntse jalo, Mmolotsi o ne a tswelela a ema nokeng Khama a re, lephata la gagwe le faraferwe ke dikgang tsa phimolo dikeledi; a bolela fa kwa Francistown go na le dikgang di le pedi tse batho ba neng ba bolawa ke ditlou ba le kwa kgaolong ya Chobe.

Fela jaaka Khama, Mmolotsi a re o segwa ke lesokolela mabapi le go kopelwa madi ga DISS go baakanya dikhomputara, fa matshelo a Batswana one a sa sekegelwe tsebe, ka se ba ka bong ba itshetsa ka sone.

“Motlotlegi Khama o bolelela ruri, batho ba bolawa ke tlala ka go bo diphologolo di nyeleditse masimo le meraka ya bone, e bile ba ba bolailweng ke diphologolo bone, ba tlogetse tlala kwa malwapeng a bone, ka e ne e le bone ba tlhokomelang malwapa a bone,” Mmolotsi a akgela jalo kwa Palamenteng.

 Fa a tswelela, a batla go tlhaloganya gore, ke eng lephata la ga Tona Khama le ganelwa ka madi a tlaleletso ya phimolo dikeledi, ka e le one a ka namolang Batswana, ba e leng bone batlhophi ba lefatshe leno. 

“Ga le na go tlhophiwa ke dikhomputara tsa DISS,” Mmolotsi a hula jalo.