Naledi

A mangwe mafoko ke afe?

 

Fa dikgakologo di feta, re simolole go lelala loapi, re solofetse go bona maru a ipopa, a ipaakanyetsa go nesa pula. Fa ngwaga e le one sentle, e re ka kgwedi ya Phalane pula e simolole go utlwala fale le fale.

Mme fa e se one, Motswana a lelale a bo a lape molala, go se na le fa e le lerothodi gope.

Ga nna jalo ka ngwaga wa 2015. Selemo sa tsena, Batswana ba solofela go bona pula. E le kae? Ya kalela, ba le bantsi ba bo ba fetwa ke letsema. Phulo le yone ya se ka ya nna teng. E ka tswa kae go se na pula? Dinwelo le tsone tsa kgala. Ga nna bohutsana ka jaana Motswana o tshedile ka temo le loruo.

Ngwaga oo wa wela, ga tsena 2016, go ntse go se na sepe. Fa 2016 e ntse e tsweletse, Batswana ba baba lobadi, ba ipotsa gore, a ba tlaa dika ba bonye pula. Ditlhogo tsa opa, potso e le gore, fa pula e sa ne, go tlaa dika go ntse jang.

Motswana o tlaa ja eng ka o tlaa bo a sa lema, fa loruo lo ka pharama ke leuba, a reng? Ya nna dipotso tse di thata go arajwa, go lebilwe ka fa seemo se neng se ntse ka teng.

Bangwe ba solofela gore, nnyaa, e tlaa na mme bontsi jwa batla go e tlhoboga.

Gongwe o tlaa botsa gore, e rile dipotso di nna dintsi jaana, Tepo Loapi, ka yone e kgona go lebela pele, ya bo e le kae? Karabo ke gore, e ne e le teng. Ka go lebela pele, ya bolela fa ngwaga wa 2016, e tlaa nna ngwaga wa pula e ntsi thata. Bangwe ba dumela gore go tlaa nna jalo, mme ba bangwe bone ba nna ba belaela, ba bolela fa tsa tepo loapi e le go abelela fela, go se na epe nnete mo go tsone. Bao ya ba tlhokomologa Tepo Loapi, ya nna ya bolela fela gore, o o tlang ngwga, o tla ka pula e se kana ka sepe.

Ga felela go ntse jang? Fela jaaka Tepo Loapi e ne ntse e bua, ya goroga pula; ya tla ka leina go twe Dineo. A a tshela metsi Dineo, a tlala gongwe le gongwe. Le dinoka tse dingwaga tse tsotlhe di neng di ntse di sa ele, tsa simolola go ela, dinwelo tsotlhe tsa tlala. A itumela Motswana, a bona gore o tlaa dika a lemile, le loruo lo tlaa dika lo hula. Sebe sa phiri ya nna eng?

Sebe sa phiri ya nna gore, Dineo o gorogile ka nako e bangwe ba neng ba sa ntse ba ipaakanyetsa go lema. Mme ka a ne a tsile a le bogale thata Dineo, metsi a tlala naga e yotlhe, le mo go one masimo tota, mme a senya. Dijwalo dingwe tsa ya le merwalela, mangwe masimo a epega. Balemi bangwe ba palelwa ke go lema ka jaana masimo a bone a ne a fetogile matamo le megobe., a ka se ka a lengwa, ga lemega.

Ka temo ya ISPAAD e beetswe nako ya gore e fela leng, nako eo ya wela batho bangwe ba ise ba leme, ba emisitswe ke gore masimo a tletse metsi, mangwe a bokgola thata. Mme ka go bona ka fa seemo se neng se ntse ka teng, malatsi a, kwa morago a okediwa gore ba ba ka lemang ba leme.

 Re utlwa gore bangwe ba ba neng ba okelediwa malatsi a go lema, ke ba Mokoswana kwa Mahalapye. Ga twe le ba lemetse moragong jaana, kgosi Ketlogetswe o ne a ba kgothatsa go tlhokomela dijwalo tsa bone, gore ba tle ba bone thobo e e botoka.

Ga twe kgosi o ne a re ba tlhagole, ba bo ba dirisanye le balemisi A tswelela a re, ba tsosolose mekgwa ya maloba jaaka letsema, melaletsa, le dikgaisanyo tsa go tlhagola, Tse tsotlhe e ne e le ditsela tsa go thusanya tiro mme di ka thusa tsa go tokafatsa thobo. Fela kgosi a tlhobaediwa ke selo se le sengwe.

Fa e bega kgang e ya Mokoswane, Dikgang (Daily News Labone Mopitlo 30 2017) ya re;

‘….. a re le ntswa Batswana bangwe ba tsweletse ka go lema, seo se tlaa ba baya ka fa mosing ka jaana mariga a simolola mo nakong e e sa fediseng pelo…..’

Re bona lefoko ke leo ga twe, ‘nako e e sa fediseng pelo.’ Gompieno Mmualebe o botsa fela gore, mafoko a mangwe a o neng o ka a dirisa boemong jwa lefoko le ke afe? A kgotsa ga le na mafoko mangwe a a ka le emelang? Mmualebe a re mafoko ao a teng. A re, boemong jwa lefoko ‘nako e e sa fediseng pelo,’ go ka twe, mariga a simolola mo nakong e khutshwane, mariga a gaufi, kgotsa go twe mariga a tsenye, mme mafoko a otlhe a balola. motshwnes@yahoo.com