Naledi

Le kutumile lefatshe la rona

E diragetse jaana bontsi jwa rona rene re iketlile mo malwapeng a rona, bangwe re itisitse kaekapakae fa bangwe bane ba le kwa dikerekeng.

Thoromo e, e utliweng ke Batswana ka bontsi mme ebile ka re sa e itse, tota re e utlwalela kwa mafatsheng a mangwe, bangwe bane ba belaela gore ke sofofane se se golwane se fofelang fa talse mme se ipaakanyetsa go tlhoma.

Bangwe rene re akanya gore metlakase ya matlo a rona e ka tswa e na le bothata. Go ise go e gope, Batswana bangwe bane ba utlwa go roroma ga lefatshe, dikotlele golo gongwe, le dilwana mo marekisetsong di wela fa fatshe. 

Se re lekang go se sedimosa ke gore, re tswa kgakala rele Batswana re utlwalela ditiragalo tse di ntsi kwa mafatsheng a sele jaaka tsa merwalela, megote e e feteletseng, tota ka tshoboko ele phetogo ya loapi.

Re bile ra utlwalela gape ka thuthafalo ya tikologo e ka sekgoa e bidiwang Global Warming, mme re bone tsone ditiragalo tse di bakwang ke ditlamorago tsa se maswe.

Jaanong Batswana, a re simololeng go bala, tota le go ithutha ka dikgalololo tsa baitsaanape ba tlhokomelo tikologo le batlhotlhomisi ba masaitsiweng le dibetso tsa tlholego.

Ka tiragalo ya Mosupologo, re ne re sa itse gore re direng e, bangwe ba siela kwa ntle, bangwe ba gagaba fa bangwe ba sianela kwa dikoloing tsa bone.

Ke nako jaanong ya gore re ithute ka tse dio tlhokang go dirwa mabapi le go tsibogela ditiragalo tsa mothale o, e seng jalo re tlaa feletsa re golafala kana re ipakela dikgobalo tse di sa tlhokafaleng, ntswa gone re tlhaloganya gore, fa ditiragalo tsa mothale o di diraragala, go nna le letshogo mo bathong.

Kgakololo e nngwe ke gore, a puso le bana le seabe ba ba maleba, simolole go rutuntsha Batswana ka ditiragalo tsa mothale o le go tlhaba pudi matseba ka dipego-tebelopele tsa ditiragalo tse.