Banana ba emela Oodi ka dinao
Teichler Rankoa | Wednesday April 5, 2017 16:37
Morago ga go bona gore go dilo di le mmalwa tse di kgoreletsang motse wa bone go tlhabologa, banana ba ipopile go tlhomamisa fa ba thusa gore motse o o seka wa salela morago mo ditlhabololong.
Fa ba kopane ka bosheng gone kwa motseng o, banana ba boletse fa go sa tlhabologeng ga motse o, le ntswa o le gaufi le toropokgolo Gaborone, go sa ba itumedise gotlhelele.
Ba re go botlhokwa thata gore e le banana, le ope fela moagi wa Oodi, ba supe gore ba eletsa go bona go nna jang ka motse wa bone.
Gareng ga dilelo tsa bone, ke letlhoko la ditiro le le babalelang bobe banana ba Oodi, le ba reng le felela le rotloetsa borukutlhi jo bo golang letsatsi le letsatsi. Ba re nako e tsile ya gore ba tshwargane go bona gore ba ka thusana jang le dikomiti tsa motse(VDC), bogolo jang ya ditlhabololo go tlhama ditiro ka go farologana.
Banana ba Tumelo Setshogo, Arthur Ntsomeng, Johannes Monametsi, Dimpho Semele, Othusitse Kgaswane le Mompati Malose ba re ba bua jaana ka tota VDC e le yone palamente ya motse, ka e na le mafelo ka go farologana a a ka dirisiwang go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a baagi ba motse o.
Selelo se sengwe se tona, ke go goga dinao ga badirelapuso bangwe, ba goteng le bone ba busetsa ditiro tsa motse o kwa morago thata. Lekgotla le la banana le bolela fa le tla a rwala maikarabelo a go bona gore a mmereki mongwe le mongwe mo motseng o, o dira tiro ya gagwe ka botlalo.
Motse wa Oodi ka ntlha ya go nna gaufi le toropokgolo Gaborone, banana ba ba boletse fa o oka bontsi jwa baeng, go akaretsa le bone baZimbabwe tota. Se mme se tlogela baagi ba le mo mathateng a borukutlhi ka go farologana ga jone.
Seemo se jaanong le sone se pateletsa banana ba, go rwala maikarabelo a go inaakanya le ba sepodise go bona gore tiro ya go bo lwantsha e dirwa ka tlhwaafalo le boammaaruri.
Banana ba, ba re ba tsena mo ntweng e e masisi e ka dipelo tse di eletsang go bona phetogo mo motseng wa bone. Eleng seo ba laletsang moagi mongwe le mongwe wa Oodi go inaakanya le bone gore maikaelelo a bone a seka a tloga a lelelwa ke dipoo.