Naledi

Ikgapheng mo ditaging le thobalano � Koboto

Koboto a re ditagi jaaka bojwala, motsoko, tota le motokwane, le diritibatsi tse di sa letlelewang le thobalano bogosegolo e e sa sireletsang, di sa ba siamela botsogo jwa bone.

Fa a bua mo dikolong ka go farologana mo kgaolong ya legare go akaretsa le se segolwane sa Shoshong bosheng, Koboto yo o tumileng ka lenaneo la gagwe la dikole la go kgothatsa le go aga baithuti, o ne a re baithuti ba tshwanetse go itse fa isago e le botshelo jwa motho ka nako e.

A re moithuti mongwe le mongwe, a tswa mo lelwapeng le le itsholetseng kgotsa le sa itsholela, o tshwanetse a itse gore botshelo jwa gagwe mo diatleng tsa gagwe.

A bua gore fa moithuti a tshameka gompieno, ga a na go dira sentle mo dithutong tsa gagwe.

Go sa direng sentle mo dithutong ga banana, Koboto o boleletse baithuti fa go ka felela go ba kgoreletsa go tshela botshelo jo bo eletsegang fa ba godile.

Eleng seo, a ba kopileng go ipetlela tsela ba sa le babotlana gore ba tshwane le botlhe ba ba neng ba tsaya thuto ka tlhwaafalo.

Mogasi yo, o ne a seka a ipona tsapa go bolelela baithuti fa go na le dilo di le dintsi tse di ka ba senyetsang bokamoso le botshelo.

Fa a bua ka borai jwa tsone dilo tse, Koboto o tlhalositse fa di ka tsenya baithuti malwetse a a sa alafeseng jaaka a di kankere.

O ne a tswelela ama dikgang tsa thobalano, tse a reng di tshwenya thata. A re le tsone di tsweletse ka go di ya le go senyetsa baithuti bokamoso. 

A ba gakolola go leka ka bojotlhe go iphapha gotlhelele mo thobalanong; gore ba kgone go gola ka mebele e e itekanetseng sentle.

Koboto o ne a tswelela a gakolola baithuti go tswelela ba inaakanya le metshameko ka go farologana ga yone, ka le yone e setse e itshupile fa e na le bokamoso ebile e le tiro fela e e duelelwang sentle.

Metshameko e, Koboto o tlhalositse fa e nna motlhofo fa e simolotswe ke motho a le mmotlana, bogolo jang gone mo dikolong.

O file sekai ka dinaledi tsa Botswana di akaretsa gareng ga bone, Nijel Amos, Amantle Montsho, Karabo Sibanda, Baboloki Thebe, Diphetogo Selolwane, Mogogi Gabonamong le Mogakolodi Ngele.

Mogokgo wa sekole sa Shoshong,  Moalosi o ne a leboga thata Koboto, a re tiro ya gagwe e ntle, a re ka e le motho yo o itsegeng ka tiro ya gagwe, se se ka thusa le go rotloetsa baithuti thata.

Fela o ne a ngongorega thata ka go goga dinao ga batsadi mo tirong ya bana ba bone ya sekole.