Naledi

My Star e tsweletse ka go gwetlha baopedi

 

Kgaisanyo ya mafelo ano a beke, e simolotse thari ka dioura dile pedi, le babogedi tota bale kwa tlase ga masome a mararo.  Mme le fa go ntse jalo, baatlhodi ba ne ba itumelela bodiragatsi jwa baopedi ka bontsi.

Baatlhodi Kgomotso, Lee le Sidney ba ne ba galaletsa baopedi ba bolela fa ba itumedisiwa ke ka fa ba tlhophileng dipina tsa bone ka teng, mme e bile di tsamaelana le mantswe a bone.

Ke ba ba tsenang mo seatleng ba baneng ba kgalelwa go sa laola mantswe a bone le go sa tlhopha dipina tse di maleba.

Ya goroga nako ya go tlhoa tsebe, mme serala sa Gaborone International School (GIS) sa supa bokgabane jwa basimane le basetsana. Ka go fapaana ga bone bale masome a mabedi le bosupa (27), baopedi bane ba lebanwa ke seemo se se kgaolang pelo sa go kgaola mo kgaisanong. Se ke seemo se go balwang maduo a batlhophi mme ba banang le dipalo tse di kwa tlase ba kgaolwa.

Mo bekeng eno, ga go aka ga kgaolwa ope, ya bo ele gone jaaka baopedi ba falotse mme ga bona yo o sebete. Mme seemo se, sa thatafatsa kgaisano magareng ga baopedi, ka mongwe le mongwe a ne a eletsa go fetela kwa legatong le le latelang la kgaisano e.

Mongwe wa bagaisanyi, Kago o ne a simolola ka go ka go opela pina ya ga Celin Dion, “The Prayer” mme baatlhodi ba itumelela go opela ga gagwe.

Seopedi se sengwe, Deborah, one a seka a kgatlha baatlhodi fela mme le bone balebeledi ba thwantsha menwana fa ntse a opela. O ne a opela pina ya ga Mariah Carey ya, “I want to know what love is”.

Tshepo, le e ne o ne a opela pina ga Michael Jackson ya, “Human Nature”, fela jaaka ba bangwe ba kgatlhileng baatlhodi, le ene fela jalo a akgolelwa go opela bontle. Mme fela Kgomotso a mo gakolola go tswelela a suga lentswe la gagwe.

Kgaisanyo ya bosigo jo, e na itumedisa baatlhodi fela thata mme mo ja morago Kedibonye fela jaaka ba bangwe, a kgothadiwa go tswelela a kgaphisa ba bangwe sethitho. B

adiragatsi botlhe ba kutlana ya bosigo jo, ba ne ba netefatsa gore ba ngoka barati le balatedi ba bone go ba tlhopha ka mafaratlhatlha a inthanete a masocm gore gongwe ba falola selepe ka Labotlhano o re yang kwa go ene.

Kgaisano e ya My Star, e mo setlheng sa bo lesome le bongwe mme go ya ka borulaganyi ba yone, e tla tshwarelwa kwa motseng wa Oodi ka mafelo a beke.