Young Zolani a re �Ke Lenyora�
Teichler Rankoa | Wednesday April 5, 2017 16:32
Alebamo e, yone o e biditse fela a re Ke Lenyora, mme e na le dipina di le thataro, eleng Scheki, Majaivane,Ke Lenyora, Tsietse, Tsipa Tsipa, le Saka. Dipina tse di tlhamilwe le go kwalwa ke Young Zolani ka sebele, ko ntle ga Majaivane le Saka.
Alebamo e ya ke Lenyora key a boraro ya gagwe morago ga tse pedi eleng ya ntlha ya Thebelesss le ya bobedi Lejebejebe. Tse a reng le tsone ka bobedi din e tsa dira sentle thata mo mmarakeng, a solofela fa le yone Ke Lenyora e tla a dira sentle.
Mo go yone alebamo e dipina ka bontsi ke tse di ka binwang thata, bogolo jang mo maitisong a a farologaneng.
Dipina tsa Scheki le Ke Lenyora ke tsone tse tota di emeletsang barati le balatedi ba mmino, bogolo jang ba ba abetsweng fa go tsenwa ka fa go jeng motwane.
Dipina tsa yone di tshotse melaetsa e mentsi thata go ya ka go farologana ga tsone, dingwe di bua ka lorato di tlhalosa gore fa mosadi a ntse a go rata, fa a fetoga ke mathata.
Tsietse yone e bua ka go thuba malwapa a batho, e bolela gore ga go a siama go dira jalo, fa Ke Lenyora yone dikeletso tsa ngwana wa Motswana, e bolela gore o kgona go eletsa go nna moAmerika. Ke pina fela e e ka rotletsang banana ba Botswana go dira ka natla.
Dipina tsa Saka le Tsipa Tsipa ke mmino fela o o rotloetsang go itlhamelo, fa motho e le seopedi, mme ebile e le mmino o mosha o o tlhamilweng ke ene Young Zolani le maloko a mangwe a gagwe.
Young Zolani a re o tswa kgakala le mmino le kopelo ka a sa le a simolotse a sa le mo sekoleng se se botlana, mme morago a binela ditlhopha jaaka Exodus.