Naledi

Chouka e batola Matjimenyenga

Ya re bontsi bo solofetse gore Tafic e tlaa netefaletsa balatedi le barotloetsi ba yone gore e tlaa fenya, e bo e goroga kwa liking ya BTC, Motlakase Power Dynamos ya e lalela ka selaga ka mafelo a beke. Chouka ya dira jalo ka go batola Matjimenyenga dino di le tharo go e le nngwe ya Tafic.

Mo motshamekong o o neng o kgatlha thata ka Tshipi, Chouka ya fetola lebala la Swallows kutla ya selaga ka go kgaupetsa motseletsele ya diphenyo tsa Tafic, mme mosepele wa balatedi le batshameki ba Tafic, go boela Francistown, wa nna moleele e kete ba ya Kasane.

Phenyo ya Chouka e raya gore, jaanong, e siiwa ke Matjimenyenga ka dintlha di le pedi fela.

Motshameko o sale o tlodile ditlhase fela kwa tshimologong jaaka ditlhopha tsoo pedi di ne di lwela go nosa pele. Rodney Buka wa TAFIC a kokota la ntlha kwa dikoteng tsa Motlakase morago ga tlhaselo ka Mmoloki Mafuku ka motsotso wa boraro, mme a retelelwa ke go nosa ka a ne a tshosa marweerwee mo phefong.

Metsotso e mene morago ga foo, Chouka le yone ya kokota ka thago ya ga Itumeleng Mabuaaeme, yo a neng a golaganye sentle le Kealeboga Oitsile. Mme fela, ba retelelwa ke go nosa ka jaana batshameka morago ba TAFIC ba ne ba sireletsa sentle.

Mabuaaeme o ne a isa marumo le naga ka motsotso wa lesome le borobabongwe, morago ga go neelwa kgwele e ntle ke Oitsile mme a retelelwa ke go nosa a lebaganye le motshwaradinno.

E rile go bona se, ka motsotso wa masome a mabedi le bobedi, Mokatisi wa Motlakase, Pule Mogotsi, a fapaanya basimane, se e le go tokafatsa motshameko. A ntsha Katlego Ralegoreng mo lebaleng, mme a mo emisetsa ka Thapelo Chabalala.

Go ise go ye kae, Chouka ya atlanya kgwele le letloa ka William Onkgopotse yo a neng a e shometswe ke Chabalala ka motsotso wa masome a mabedi le bone.

Morago ga boikhutso, ditlhopha tsa nna tsa lwa ntwa eo, mme TAFIC ya kgona go lekalekanya dinno ka motsotso wa masome a marataro le bobedi, fa Kemoreng Batisani a e latlhela mo letloeng ka tlhogo.

Ka motsotso wa masome a supa le borobabobedi, Chabalala a tlhoma Chouka kwa pele gape jaaka a ne a ntsha lerumo, mme la thula pale,  mme kgwele ya boela mo teng, motshameko wa tswelela. Gone foo, ya re motshwaradinno a suta mo dikoteng, Chabalala a e beletsa mo letloeng.

Ka motsotso wa masome a robabobedi le bone, Chouka ya konetelela phenyo ya yone ka nno ya ga Mabuaaeme. Se,se diragetse ka motshwaradinno wa Tafic a ne a tsietsega, a tswa mo dikoteng, mme a utlwa fela ka melodi le dikoma tsa balatedi ba Chouka gore e nole.

Ya bo e le fa Tafic e tammetse, e tserwe ke noka.  Jaanong, setlhopha sengwe le sengwe se saletswe ke metshameko e le mebedi fela, liki ya bokone e bo e ya bokhutlong.

Go saletse Tafic go netefatsa fa e le ruri toro ya bone ya go boela kwa liking ya BTC morago ga sebaka se se leele, e tlaa atlega.

Mokatisi wa Chouka, Mogotsi, o supile fa a itumeletse phenyo. A re ba lole e e thata, ka jaana ba ne ba lebaganye le mokaloba wa setlhopha.

Go sale foo, Ellias Chinyemba, wa TAFIC, o supile batshameka morago ba gagwe ka monwana a re ba paletswe ke go sireletsa dikgwele tse di neng di le motlhofo.

A re seemo sa lebala le sone se ketefaditse tiro ka batshameki ba ne ba sa kgone go amogana kgwele bonolo.

MOTLAKASE: Kagiso Rankabekwa, Odirile Gabaleswe, Thatayaone Gaokgorwe, Tshephang Boithatelo, Letsweletse Seane, Kealeboga Oitsile, Katlego Ralegoreng (Thapelo Chabalala), Ronny Leagetse, Itumeleng Mabuaaeme (Thabo Wetshoemang). William Onkgopotse (Gaothobogwe Molemisi).

TAFIC: Abednico Morapedi, Motseoatile Elijah, Thato Mosweu, Ronald Selemane, Ogomoditse Bauline, Uyapo Tibathutwe, Mmoloki Kafuku, Kemoreng Batisani,Machongo Mbatsi, Mbatsi Ellias(Kabo Ogolotse),Molebatsi Kangangwali (Mooketsi Mampori).