Blogs

A re se re 'di efa'

Potso e nne gore, a mme motho o ka nna fela a sa itse go bala le go kwala? Jaaka bangwe ba tle ba bue, le fa e le tlhaka ya ntlha ‘a,’ a sa e itse, kgotsa leina la gagwe, a ka se ke a  le kwala. Go twe, a go ka nna monate, motho a tsenye sekole, mme le fa e le lokwalo lwa bosupa, a sa le kgona. Go se ke go nne monate, go tshwenye.

Ba a tle ba re, thuto, kana go tsena sekole, go ka thusa motho go itlhabolola le go tlhabolola lefatshe. Mme motho a sa tsena sekole, a bo a ka itlhabolola jang? Mo go bangwe, go nne thata. Go bona seemo se ntse jaana, puso ya tla ka mogopolo wa gore, a mongwe le mongwe, ngwana le mogolo, a lekelwe go tsena sekole. Ya nna gore, a motho a se tlhobogwe, ga twe, o motona, o fetile dingwaga tsa go ithuta. Ga twe, a dikgoro di bulwe, fa motho  a na le kgatlhego, le ene a tle go iteka, a tlhaelele golo gongwe. Go diragatsa mogopolo o, puso ya tla ka lenaneo la Thuto Ga E Golelwe (Adult Basic Education Programme/ABEP). Tsa bulwa dikgoro. Ba ba batlang sekole, le ntswa motho a fetile dingwaga tsa sone, ba goroga; ya tswelela Thuto Ga E Golelwe.

Pego nngwe e bolela gore le kwa Molepolole, Thuto Ga E Golelwe e teng. Re utlwa gore koo, go na le baithuti ba le lesome le bobedi. Mo go ba, ga twe ba le barataro ke basadi, ba le barataro ke banna, E re dipalo di ntse jaana, di lekana ka bong, Motswana a re, di tsaanye e se kgomo tsa bogadi. Mme fa re leba dingwaga gone, go ntse jang?

Re bona dingwaga di farologanye thata. Pego ya re, dingwaga tsa baithuti di tswa mo go masome mabedi le boferabongwe (29) go ya kwa go masome a supa le bone (74). Fa re leba dingwaga tse tsa masome a supa le bone, re bone gore, ke yone ga e golelwe tota. Ba e rileng ba simolola sekole, ba atlega, ba tswelela sentle, mo nakong eno, ba fa kae? Go tlaa twe, ba kgakala. Ba ne ba fetsa sekole, ba bona ditiro golo gongwe ba di dira, mme gompieno ba tlogetse, ba itapolositse, ba ithoba dingalo. Mongwe ene ke yoo, o sale kwa Ga E Golelwe.  Mme gone koo, go dirwa eng?

Go bolelwa fa kwa  Ga E Golelwe, baithuti  ba rutwa go bala, le go kwala, le ditiro dingwe tsa diatla. Godimo ga moo, ga twe, gape go a tle go nne le dikgaisanyo tsa dikgaolo tsa Kweneng tsa dilo tse di farologanyeng jaaka go bala, go kwala, maboko le dikhwaere. Baithuti ba tswelele go fitlhela lokwalo lwa bosupa mme ba kwale ditlhatlhobo. Fa ba kgonne ba fiwe ditlankana tsa go batla tiro. Fa go nna jaana, e bo e dirile Ga E Golelwe, e ba buletse tsela. Go salele moithuti  fela gore, ene jaanong, o tlaa dira eng ka se a se bapetseng.

Ga re a tswela gope, re ntse re na le  Dikgang (Daily News/Motsheganong 15, 2018)  mme re fitlhela  pego e ya ABEP kwa Molepolole mo go yone. Fa e bega ka fa morutintshi  wa ABEP a neng a bua ka teng ka dikgaisanyo tse go bolelwang di a tle di tshwarwe, Dikgang/Daily News  ya re;

‘O tlhalositse fa dikgaisanyo di efa baithuti……’

Nako nngwe re ne ra kopana le polelo nngwe e e rileng e ntse e tsweletse, ya bua ka pula mme golo gongwe ya re, ‘…..fa pula ena.’ Re ne ra re, lefoko ‘ena’ ga le a kwalwa sentle ka gore, boemong jwa mafoko a mabedi, e bong, ‘e na,’ go kwadilwe lefoko le le lengwe ‘ena’ le e leng lesupi. Ra supa gore, lefoko le, le tshwanetse go kgaogana, ka gore, ‘e’  ke legokedi le le gokaganyang sediri (pula) le lediri ‘na.’

Gompieno, re boa re bona phoso ya go nna jalo gape. Fa re re, ‘….efa’ jaaka re bona  go kwadilwe fa godimo fale, re tshwaragantse legokedi ‘e’ le lediri ‘fa.’  Go kwala jaana, go bo go dirisitswe lefoko le e seng lone, e leng  ‘êfa.’ E re mongwe a bala, a bone e kete go siame, go a balega, mme tota e se gone. Ke eng lefoko ‘êfa’le sa siama go dirisiwa fa, le raya eng?

Lefoko ‘êfa,’ le raya go hema, go sireletsa. Thanodi ya Setswana e le tlhalose e re, ‘go sireletsa ga Modimo.’ Ka go êfa ke go sireletsa, go hema, e re ngwana a bidiwa leina go twe, Omphemetse, ke gore Modimo o mphemetse, yo mongwe go twe, Oefile (Modimo o efile), go raya gore, Morena o sireleditse, o hemile. Maina a, a tshwane ka a bua ka selo se le sengwefela, go sireletsa, go hema, go babalela, mo go tse gongwe di ka bong di go sulafaleditse botshelo. Jaanong, a re se tseye gore ‘êfa’ le ‘…..di e fa…..’ ke mafoko a le mangwefela, a a tshwana. Nnyaa, ga a tshwane. ‘Efa’ a le nosi koo, ke lediri; ‘e fa’ ke legokedi le latelwa ke lediri. Gape lefoko le, e ka nna lesupi ga twe, ‘Nama eo, e fa.’  Re wele re re, a e se re boemong jwa ‘…..di e fa….’ra re, ‘……di êfa…..’ Seo, ke phoso.  Re nne re re, go tila diphoso tsa go nna jaana, a e re re bala Setswana, re ele tlhoko gore se kwalwa  jang.

 motshwanes@yahoo.com