Naledi

Khama o ema nokeng go agiwa ga borogo jwa Matebele

Khama
 
Khama

Selelo se, se fetogile boitumelo morago ga gore Tautona Lt Gen Dr Seretse Khama Ian Khama a bolele mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Matebele bosheng, gore go botlhokwa gore borogo jo bogolwane bo agiwe fa gare ga metse eo.

Khama o boletse fa a tlhaloganya gore bontsi jwa ditlamelo tse di tlhokegang mo motseng wa Matebele, di bonwa kwa Oodi. A re mesepele ya baagi ba metse e mebedi e, e a kgoreletsega, bogolo jang fa noka e tletse, le fa e ela.

Tautona a re le fa a sa solofetse go le kalo gore borogo bo tlaa agiwa leng, tiro e diilwe ke gore go sa ntse go batliwa one madi a go aga.

A re madi a a leng teng, ga a lekana mme a bolela fa a tla thulanya ditlhogo le bangwe go bona gore a mangwe a ka bonwa kae, gore tiro e tle e simololwe.

Khama o boletse gape gore, go bo go se na borogo fa gare ga metse e mebedi e, go a tshwenya ka go kgoreletsa bana ba sekole fa pula e nele, mme ka jalo, borogo bo tshwanetse go potlakelwa, jwa agiwa. 

E ne e rile pele, kgosi ya motse wa Matebele, Kgosi Bethuel Ndaba, a lekodisa Tautona Khama ka fa morafe wa gagwe o sokolang ka teng, ka ntlha ya go tlhoka borogo.

O ne a bua a hutsafetse a re, borogo jwa nako eno, bo bonnye fela thata ka bo le kwa tlase.

A re fa pula e na, metsi a tlola kwa godimo ga jone ka bonako.

Mokhanselara wa Matebele, Modise Ncube, fela jaaka Kgosi Ndaba, a kopa gore borogo bo potlakelwe.

A re e le ba Matebele, ba dumalane le ba Oodi gore ka madi a motsosa itsholelo (ESP), ba lekele go aga borogo jo, fela a bolela gore ditshekatsheko tsa bone di supile fa madi ao a tlhaelela kgakala.

Morafe wa Matebele le one o ne wa bolela fa o itumelela go utlwa fa Tautona Khama a tlaa thusa gore borogo bo, bo agiwe. Ba re go lobaka ba ntse ba letile go utlwa mafoko a mothale o.

Ba ne ba leboga Tautona Khama gore a bo a ba etetse morago ga dingwaga tse dintsi ba sa mmone. Ba supile boitumelo jwa bone ka go mo abela dijo tsa letlhafula jaaka magapu, a a neng a bolela fa a a lebogela thata.