Naledi

A HeForShe enamisiwe le Botswana

Ntswa moono wa thulaganyo e ole montle, go na le dingwe tse re akanyang fa di tshwanetse go tsibogelwa ke barulaganyi ba lenaneo le. Kgakololo ya ntlha ke gore, a morotloetsi mogolo wa lenaneo le, e fa eleng rre Reikeletseng, a rotloetse bobegadikgang go anamisa melaetsa e e maleba ka lenaneo le.

Gone re tlhaloganya gore, e rile ko tshimologong, bobegadikgang bo ne jwa lalediwa go begelwa ka thulganyo e, mme rona re bona go sa lekana, ntle fela le go nne teng ga jone kwa modirong o oneng o tshwaretswe kwa lebaleng legolo ka mafelo a beke.

Re dumela gore kanamiso ya melaetsa ya thulaganyo e, e tshwanetse ya goroga ele dipolelo tsa bao ba ba kileng ba amega mo ditiragalong tsa kgokgontsho, mme mekwalo ka bobegadikgang le yone e senole bopaki mo dikoranteng le diromamowa ka go farologana.

Kgakololo e nngwe gape ke ya gore go buisiwe diphuthego tsa kgotla, mme go dirisiwa ketapele ya baemedi ba dikgaolo jaaka makhanselara, mapalamente le balaodi, tota le sepodisi sa rona mono gae.

Thulaganyo ya mothale o, e ka ngoka banni ba metse ya rona ka dipalo tse di ka nametsang, go lebilwe thata letlhakore la banana.

Ke eng re bua ka banana? Ke bone ba eleng gore ba dipalo di ntsi mme gape ke bone ba ngokiwang motlhofo ke dithulaganyo tse di akaretsang melaetsa ya mmino le tse dingwe tse ba diratang thata jaaka bodiragatsi jwa serala. Re dumalana le mme Mothibi gore maranyane a inthanete a botlhokwa mo go anamiseng le go netefatseng katlego ya lenaneo le la HeForshe. A jaanong ga se gone gore barulagnyi ba inaakanye le ba dikompone tsa megala ya letheka ka maikaelelo a go lomaganya bao ba ba senang diemail kana di whatsup go ka nna le seabe? Re atla HeForShe.