Naledi

A lefoko leo ga le yo

Go ya ka pego, kgang e ne ya tsoga morago ga gore banna bangwe, ba le bararo, ba fitlhelwe ka nama ya dikgomo ke mapodisi a Gerald kwa Francistown ka makuku a naka tsa kgomo.

Ya bo e le fa molato o tsogile. Motho mongwe le mongwe o ka belaela gore, ka nako e e bolelwang eo, dinama tseo di ne di tswa kae. Ga twe go ne ga tlhotlhomisiwa mme ga fitlhelwa e le gore dikgomo tsa dinama tse di tshwerweng tseo, ga se tsa banna bale, di na le mong wa tsone, mme e bile o ntse a di batla.

Kwa ntle ga go bua fela gore ka palo, dikgomo tse di ne di le tharo, ga go sepe gape se dikgomo tse di kaiwang ka sone.

Ga go buiwe sepe ka mophato wa tsone; ke gore,  a e ne e le dikgongwna, maroba, kgotsa dikgomo tse ditona, le gore a di ne di tlhakanye,  go le  ditonanyana le manamagadi mo go tsone. Pego ga e di farologanye ka bong mme go ya ka mebala e e bolelwang, tsotlhe e ne e le dinamagadi. Mebala e ke efe? Ga twe kgomo nngwe e ne e le khunwana, e nngwe e le tshunyana, fa e nngwe e ne e le tlhabana.  Mebala e yotlhe key a bonamagadi.

Fa di ne di le ditonanyana gone, go ka bo go twe ke mebala efe? Fa di ne di le ditonanyana, go ka bo go twe kgomo e nngwe e ne le khunohu, e nngwe tshumu, e nngwe e tlhaba. Re bua jaana ka gore, mebala ke sone selo se dikgomo di kaiwang ka sone fa di batliwa. Mong wa tsone e tlaa re a batla, a botsa batho gore a ga ba ise ba bone dikgomo tsa gagwe, pele fela a di bolele ka mmala, mme morago ke gone a bo a ka bolela letshwao la tsebe kana tshipi ya serope.

Tse go buiwang ka tsone mo pegong ele, ga we e rile boemong jwa gore mong wa tsone a jewe ke naga a di batla, a fitlhela batho bngwe ba setse ba di ikadimile e bile ba tshegeditswe ke mapodise go tlhlosa gore ba di tsaya kae. Jaaka re setse re utlwile, ga twe kgang e ne ya begwa kwa kgotleng ya Setswana kwa Shashemooke.

Pego e supa fa kgang e, e ne ya nna bonolo thata, ya se ka ya opisa ope tlhogo. Ga twe e rile e tshwanetse go reediwa la ntlha, ba ba neng ba tshwanetse go  lebisiwa molato, (basekisiwa) ba kopa lekgotla gore le ba letlelele go ya go buisanya le mong wa dikgomo. Kgotla ya reetsa kopo ya bone, ya ba leltlelela go dira jalo mme ba ya go buisanya koo le mong wa dikgomo.  Ga twe fa kgang e tshwanetse go boa e tsena gape la bobedi, mong wa dikgomo a bolela fa a ne a buisanya le banna bale mme a ba itshwarela, ba bile ba dumalanye fa ba tlaa agisanya. Jalo h,e mong wa dikgmo a bolela gore le fa gone go utswiwa le go tlhajwa ga dikgomo tsa gagwe go mo utlwisitse botlhoko, o tsholola kgang.

Go bolelwa fa kgosi a ne a amogela mafoko a mongongoregi mme kgang ya tshololwa. Le fa go ne ga nna jalo, ga twe kgosi o ne a gatelela gore dikgang tsa bogdu le borukutlhi jo bongwe, ke dikgang tse di tshwanetseng go tseelwa dikgato tse di gagametseng, go di nyeletsa. Re tlaa dumalana le kgosi gore, go nyeletsa borukutlhi, kgotsa go bo lwantsha ka tlhoafalo, ke gore e re kgang e begilwe kwa kgotleng, e tswelele e sekiwe, go bonwe yo o molato mme a tseelwe dikgato go mo latlhisa mekgwa ya gagwe e e maswe. Pego e re tlang ka yone gompieno e begwa ke Dikgang (Daily News Labotlhano Mopitlo 24 2017) ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘Boradinama ba falotse ka tshoba la mogodu.’ Temana nngwe ya pego e fa e bua ka banna bale ya re;

‘E ne ya re bosheng ba fitlhelwa ka dinama tsa dikgomo tse tharo…..’

Temana e e fa godimo e, e na le lefoko ‘dinama’ le re le bonyeng gape fa godimo fale. Kgang ya rona gompieno ke gore a lefoko le,  ga le yo?  Batho bangwe ba re ga go a siama gore go twe dinama. Ba re lefoko nama, ga le na bontsi (plural) mo e leng gore, le fa nama e ka nna ntsi jang, kana ya nna kana kang, e ntse ke nama, e seng dinama. Re tlaa dumalana gore ka gale, re bua ka nama, e seng dinama. Fa go tsholwa, re ka bala mme ra re, motho o filwe ditoki tsa nama di le pedi kgotsa di le thaaro.

Ga re ka ke ra re, Oroba o filwe dinama di le tharo.  Le fa go ntse jalo, lefoko ‘dinama’ le ka dirisiwa go supa gore nama e ntsi thata kgotsa e farologana ka mehuta. Wena wa reng?motshwanes@yahoo.com