Naledi

Maforaga a re bana ba otlhaiwe mo go lekanetseng

Bangwe ba baithuti ba lefatshe leno ba bangwe ba bone ba otlhaiwang setlhogo
 
Bangwe ba baithuti ba lefatshe leno ba bangwe ba bone ba otlhaiwang setlhogo

Maforaga o ne a bua kwa phuthegong e e neng e biditswe ke ba lephata la thuto bosheng. Phuthego e, e ne e batla megopolo mo setshabeng gore, ke go dirwe jang go tokafatsa maduo a baithuti, a bontsi jwa Batswana, bogolo jang batsadi le puso, ba bonyeng a sa itumedise fa a tshwantshanngwa le a ngogola.

Kgosi a re, malatsi ano, thupa mo baithuting, e tsaya phekelo e sele, e bile e gomagometsa go tshabisa bana sekole. A re seemo se, se ka felela se koafatsa maduo a dikolo. O boletse gape gore, le fa bogologolo thupa e ne e dirisiwa go otlhaya baithuti, barutabana ba ne ba ela tlhoko dikarolo tse moithuti a ka itewang mo go tsone. A re go dira jalo go ne go tsewa e le tsamaiso ya go  tsenya bana mo tseleng, e seng go ba otlhaya.  Maforaga a re, le one molao wa lefatshe leno, ga o letle gore baithuti ba otlhaiwe ka bokete jo barutabana bangwe ba itayang bana ka teng.

O boletse fa dipatlisiso dingwe di supa fa bontsi jwa baithuti ba tshabile sekole ka mabaka a go otlhaiwa bosetlhogo ke barutabana. A re go a tle go nne le dipego tsa gore baithuti ba otlhaolwe mo go feteletseng, mme batsadi bangwe ba tshabe go ikopanya le barutabana go lekodisanya le bone ka mabaka a go otlhaya bana ka tsela e e setlhogo e.

Ka ntlha e nngwe, mogolwane wa lephata la thuto mo Palapye, Rre Mosiiwa Kwenaekgakala, o ne a gatelela gore, botsalano jwa batsadi le barutabana, bo botlhokwa thata mo thutong ya bana.

Kwenaekgakala a re o sa ntse a tshwenngwa ke gore batsadi bangwe ga ba re sepe ka thuto ya bana ba bone, e bile ga ba itshwenye gore ba ka lekodisana le barutabana ka tiro ya bana ya sekole. 

Baithuti bangwe le bone ba ne ba supa fa bana ba tshwenngwa thata ke go tlhoka go fiwa lorato le gone go tlhokomelwa sentle ke batsadi. Ba tlhalositse fa maduo a tlaa tswelela a wela tlase fa batsadi ba ka se ka ba itsosa, ba tlhokomela bana, ba bo ba thusanya le barutabana.