Naledi

Berry Heart o kgatlhile baatlhodi

Berry Heart
 
Berry Heart

Mo gare ga bone go maina a a tumileng mo mererong ya maitiso jaaka MC Maswe, Keotshepile Motseonageng, yo thata a itsegeng ka leina la Berry Heart, Prince Macheng wa My African Dream, le Atamelang Marumola.

Bangwe ba bone ba kgonne go supa bokgoni jwa bone jo bo kwa godimo jwa bodiragatsi, mme ba bangwe ba se ka ba kgatlha leitlho la baatlhodi.

Mmoki yo gape e leng seopedi sa tlhwatlhwa, Berry Heart, o ne a amogelwa ke baatlhodi e le gore tota go bonwe gore, kwa ntle ga go boka le go opela, tse e leng tsone a itseweng thata ka tsone, o tshotse eng gape se se ka mo tlotlomatsang e le sa maitiso le itloso bodutu.

Jaaka bontsi bo mo itse, lekgarebe le la Kgalagadi, la se ka swabisa baatlhodi. O ne a diragatsa ka mokgwa o o neng wa supa gore ke motho a abetswe ditalente tse dintsi.  A tlogela baatlhodi sa bone e le go nyenya fela, mme ba mo raya ba re, o na le sengwe le sengwe se se tlhokwang mo go ene mabapi le bodiragatsi jwa thelebishene.

Berry Heart o thusitswe thata ke matlhagatlhaga a gagwe, a sa shebashebe gore ke mang yo o ka tswang a le foo. A dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho le botswerere jo bo kwa godimo. Botlhe ba wela ka gore,’ Ee,’e le go supa gore o itumedisitse baatlhodi botlhe ka boraro.

Se jaanong e le go neela Berry Heart sebaka sa go tswelela a itshupa gore, ka boammaaruri, o ka tlolela kwa Aferika Borwa go tsenelela metshameko ya bodiragatsi.

Mongwe yo le ene a kgatlhileng baatlhodi, ke mogasi wa pele wa ya kgaisanyo ya moopelo le mmino ya My African Dream, Prince Macheng.

Baatlhodi ba mmoleletse fa a na le lentswe le le komota, le le ka tlhwaelwang tsebe ke balebeledi le bareetsi ba thebeleshini.

O ne a itumela thata go bona baatlhodi botlhe ka boraro, ba dumalana le ene gore o ka fetela pele kwa legatong le le thata la ya go ipatlela phatlha ya go leba kwa Aferika Borwa, tota le gone go fenya dikete tsa dipula, se go lebegang e le se a ikaelelang go se lwela ka tlhwaafalo bogolo jang ka a laetswe go itlhokotsa thata ke baatlhodi.

Fa bobedi jo bo tumileng jo bo fetela pele le kgaisano, ka ntlha e nngwe ga se ka ga nna monate thata, ka mogasi wa thulaganyo ya Btv ya Mokaragana, Atamelang Marumola, a ne a bona go se go ntle fa a re o supa bokgoni jwa gagwe jwa bodiragatsi jwa thelebishene. Maiteko a gagwe a ne a se ka a kgatlha baatlhodi gotlhelele, mo ba neng ba patelesega go mo kgaupetsa a ntse a tsweletse, ka go ne go bonala gore o fapogile seporo sa bodiragatsi gotlhelele.

Morago ga go mo kgaupetsa, baatlhodi ba mmolelela gore o fapaanye gotlhelele le bodiragatsi jwa thelebishine, mme a tshwanelwa fela ke go bona ‘bonnyaa’ ba le bararo, se e le go mo tlhalosetsa fa mosepele wa gagwe le kgaisano e ya Sign International o feletse gone foo, mo letsatsing leo.

Badiragatsi ba kgaisano e, ba tshwanelwa ke go dira ka natla go kgatlha baatlhodi, ka go bolelwa gore mofenyi wa yone o tla a ya go diragatsa mo metshamekong ya thelebishene ka go farologana kwa Aferika Borwa, sengwe se se tlaa supang fa ka boammaaruri lefatshe la Botswana le sa ntse le ka ntsha boConnie Ferguson ba bangwe.