Naledi

Satmos e ya go ithuna dinta

Satmos e sale e itlhoboga go ka leka go falola selepe sa magagane.

E amogetse lomao lwa bofelo lwa tatlhegelo mo bekeng e re tswang mo go yone. Ka jalo, se leba kwa liking ya bobedi mme bogogi jwa sone jwa nako eno bo bolela fa ba amogetse go tlhoka go dira sentle mme ba tlaa ya go ikaga sesha kwa liking ya bobedi.

Satmos e saletswe ke metshameko e le meraro go digela tema ya yone mo liking ya ntlha.  Phenyo ya GNT kgatlhanong le TASC ka dino tse tlhano go lefela (5-0) le maleka a Morupule Wanderers le Real Movers ka mafelo a beke, a netefaditse fa tsela ya go fologela tlase ga Satmos e budule.

Ka mafelo a beke e re tswang mo go yone e, Satmos e reteletswe ke go iponatsa kwa motshamekong wa bone kwa Mahalapye, kgatlhanong le BR Highlanders.

Fa Satmos e ka bonwa molato, e tlaa gapelwa dintlha tse tharo le dino tse pedi mme di abelwe BR Highlanders.

Mokwaledi wa liki ya ntlha ya Debswana ya bokone, Rapula Gaotlhobogwe, a re ba kwaletse setlhopha sa Satmos gore se tlhalose mabaka a a ka ba itsang go tseelwa dikgato mabapi le go sa iponatsa kwa lebaleng la Stimela ka Matlhatso. Mokatisi wa Satmos, Kgosietsile Jacob, a re sepalamo se se neng se rwele setlhopha sa gagwe, se ne sa senyega, fa ba sale mo tseleng, ba ya Mahalapye.

A re ba amogetse maduo a gore ga ba kitla ba kgona go sireletsa maemo a bone mo liking ya ntlha, mme a supa fa ba tlaa simolola go itlhokoletsa liki ya bobedi.

Mokatisi o supile fa mo nakong e e fetileng, ba ne ba nnela dipuisanyo le batshameki le botsamaise jwa setlhopha, mme ka bongwefela jwa pelo, ba dumalane go amogela seemo se se diragaletseng setlhopha  le go ya go ithuna dinta kwa liking e e kwa tlase.

“Re amogetse seemo sa rona mo nakong eno, ga go na ka fa re ka kgonang go itshireletsa ka teng mme fela, re tlaa ya go ithuna dinta kwa liking ya bobedi,” Jacob a tlhalosa jalo.

A re ba dumalane le batshamiki go fologela kwa tlase mmogo ka maikaelelo a go ya go ikaga sentle.

Ka ntlha e nngwe, mokatisi wa Tango Boys, kana TASC, Simieon Omphile, yo le ene setlhopha sa gagwe se lelelwang ke selepe sa magagane, o supile fa tshwetso ya kgang ya bone ya motshameko o o sa felang kgatlhanong le Chobe United, e ka nna yone mmaba mo go lekeng go sireletsa maemo a bone. A re le ntswa ba tshwere fela ka tlhale, o solofela gore, fa ba ka kgona go fenya metshameko ya bone yotlhe e e setseng, ba ka tswa ka tshoba la mogodu. Simieone a re ga ba na go ineela go fitlhelela phala ya bofelo e lela.