Naledi

Maikutlo a farologanye ka EVM

Batlhopi
 
Batlhopi

Bangwe ba supile fa ba le sebete se molangwana ka ditlhaloso tsa tiriso ya machine o, le boleng jwa one, bogolo segolo fa go tla kgang kana potso ya gore, maduo a one a sireletsegile go le kae.

Go batlisisa thata ka kgang e, Naledi e ne ya tlhotlhoma le marekisetso a Gaborone mme ya kopana le Batswana. Dr. Molefe Motshwegwa a re o bona mochine o, o siame, e bile e le kgatelopele ya tiriso ya maranyane mono Botswana. A re o solofela gore o tlaa fokotsa mela e meleele ka nako ya ditlhopho.

“Gongwe le gone go bala ditalama tsa ditlhopho go tlaa nna bofefo kwa matlhophelong,” Motshegwa a rialo.

A re o utlwa go twe, mochine o ga o na boranyane (network) mme jaanong o ipotsa gore fa go twe o tlaa romela maduo a matlhophelo a dikgaolo kwa go a matona, a bofelo, go tewa jang, ntswa o se na boranyane jo jwa network.

Rre France Mello, yo o dingwaga di masome marataro le borataro, a re ga a batle mochine o wa EVM. A re o setse a tlwaetse go ema ka dinao lobaka lo lo leele mo moleng wa ditlhopho, mme ga go na ‘tsapa le mo fisang pelo ka se. 

A re o utlwaletse gore mafatshe mangwe, a setseng a kile a dirisa mochine o wa EVM, a bolela fa ka tsela nngwe, o ka tsietsa.

Fela jaaka Rre Mello, Rre Balemi Kgalaeng le ene a re ga a batle mochine wa EVM. A re go diega ga go balwa ga maduo a ditlhopho go siame fela ka ke gone jaaka go supa mosola wa tlhopho, mme gape, go shwegashwegela go utlwa maduo a ditlhopho ga batho, go supa ka fa Batswana ba ratang puso ya batho ka batho ka teng.

Ko mmolong wa Gaborone, Naledi e fitlhetse segongwana sa borre le bomme se tlotla. Se ne se ntse kwa lefelong le le tlwaelesegileng ka leina la “Kwa Setlhareng kana Radio Mall”.

Ba ne ba amogela Naledi morago ga gore e botse gore, ba ikutlwa jang ka kgang ya EVM. Bontsi bo ne jwa bolela fa ba kopana nayo mo koranteng le thelebishine ya Botswana (Btv) fela.

Ba re ga ba itumelele dikarabo tsa ga Rre Gabriel Seeletso mabapi le boranyane jwa mochine o. Bangwe ba re ke maretshwa a a logwang ke ba phathi ya BDP, a maduo a ditlhopho tse di tlang tsa 2019.

Ba buile gore fa Puso e ka tsaya tshwetso ya go dirisa mochine o, ba tlaa itulela kwa gae ka tlhopho ya bone.