Naledi

Kgotla lefelo la therisanyo-Leipego

Kgosi ya motse wa Hukuntsi, Kgosi Molaodi Leipego, a re, ntswa bontsi bo dirisa Kgotla jaaka lefelo la bosekelo, ga go a tshwanela go nna jalo. A re, badiramolato ba felela ba kgwathisediwa mo kgotleng, mme se, ga se motheo wa tiriso ya kgotla.

Kgosi Leipego o boleletse Naledi gore, tsamaiso ya kgotla e dule mo motheong wa yone; a re se, se dirwa ke ka fa sepolotiki se fapogang ditsamaiso tsa Kgotla ka teng.

O tsweletse a re, malatsi a jale, kgotla e ne e le lefelo le banna ba neng ba kopanela mo go lone go tsaya dikgang tse di farologanyeng, e bile di ama ditlhabololo tsa legae/motse, gareng ga tsone go le dipitso tsa letsema, thobo, le go bitsa mephato. Kgosi a re dikgang di ne di rarabololelwa kwa Kgotleng mme……

O ne a tswelela a tlhalosa gore dikgang tsa itshireletso, jaaka go bolotsa mophato go ya ntweng, e ne e le tsone tse gantsi banna ba neng ba di kopanela kwa kgotleng. Leipego a re kgotla e ne e se lefelo la, basadi, le fa e le banna, go kopanela koo go tsewa dikgang fela.

Kgosi Leipego o ne a tswelela a tlhalosa fa tiro ya kgotla e ne e le go ntsha ditaelo mme mephato ya banna e di diragatse. A re tiro e nngwe ya mephato e ne e le go sireletsa morafe mo diphologolong tsa naga fa di tlhasetse motse.

Kgosi a re, godimo ga tse dingwe, kgotla e ne e le kwa go kgethelwang teng ka nako ya puso ya ga Mmamosadinyana.

O ne a tlatsa ka gore, seane se se reng, ‘Mafoko a kgotla a mantle otlhe,’ se nonofile, ka e le sone pinagare ya merero ya kgotla.

“Mo dingwageng tse di fetileng, dilo di ne tsa fetoga, kgotla ya tsenwa ke mongwe le mongwe, le bone basadi tota, mme e bile ba setse ba tsena le ka marokgwe mo go yone,” Kgosi a rialo, a bolela fa go sega molelwane wa gore kgotla e ka tsenwa, kgotsa ya se ka ya tsenwa ke batho bangwe, go ne go supa tlotlo mo go yone.

Leipego a re kgotla e ka thusa thata go nonotsha tlotlano le puso ya batho ka batho.

Ntswa dinako tseo tsa maloba di ile, fela polotiki e thaetswe mo pusong ya bogosi, ke sone se mananeo a puso a begwang pele kwa kgotleng mme morafe o puthuloge go ka amogela, le go gakolola puso ka mananeo a a akantsweng.

Kgosi a re, le fa go na le dingwe tse di fatlhang, Batswana ba tlotla kgotla; a re ke sone se o bonang go na le kapari e e sa letlelelweng mo go yone jaaka diaparo tsa diphati tsa sepolotiki.

A re le one mapolotiki, ga ba polotike fa ba setse ba le mo kgotleng ka gore, kgotla ke lefelo le le kopanyang batho ba megopolo e e farologanyeng. A wetsa ka gore, lefelo le,le a aga, ga le kgaoganye morafe.