Naledi

A dikole di tlhatlhojwe ka nako

Re bua ka melawana e e rurufatsang gore dithuto tse baithuti ba di rutwang ke tsa boleng jwa tlhotlhwa.

Bosheng jaana, baithuti ba dikole tsa Mmadikole (UB) le sa Botho, bane ba bolotsa di ngongorego mabapi le dithuto dingwe tse ba di rutwang, ba re ga di a fiwa teseletso ya go rutwa. 

Baithuti bane ipelaetsa ka go tsosa mekubukubu mme dithoto dingwe tsa dikole tseo, tsa senyega.

Kgakololo ya rona ke gore, a go nne le PITSO e mo go yone go tla ntshanwang seinong mabapi le tsotlhe tse di tlhokang go sekasekwa le go tlhabololwa, jaaka melao le melawana ya tlhabololo thuto mo lefatsheng leno.

Ere le fa gontse jalo, re lebogela gore lekalanala HRDC le la BQA a bo a dirile maiteko a go tlhalosetsa Batswana ka fa ba kalang boleng jwa thuto le ithutuntsho mo lefatsheng leno.

Mme gape, go botlhokwa gore jaanong ba aname le lefatshe leno go buisa diphuthegoo tsa kgotla go tsaya megopolo mo Batswaneng bogolosegolo banana, mabapi le dikgang tse di amanang le tlhabololo thuto.

Puso e tshwanetse gape ya dira maiteko a go tlhatlhoba boleng jwa batlhatlheledi kana barutabana ba dikole tse dikgolwane, ka go lebega bontsi jwa dikole tse tsa dithuto tse di kgolwane, di thapile batswakwa.

Ga re kgaphele ko thoko dithutego tsa bone, mme ra re a go nne le tsamaiso e go ka tlhatlhojwang dikitso le dithutego tsa bone, tota le mabaka a go re ke eng ba bone gole botoka go tla go berekela mo Botswana.

Bangwe ba na le melato e ba e dirileng kwa ba tswang teng fa bangwe ba tshotse ditlankana tse e seng tsa boleng jo bo letlelesegang go ka ruta bana ba dikole tse di kgolwane.

Tsholofelo ke gore puso e rulaganye PITSO, mme megopolo yotlhe e segelwe mosako go thusa go tlhabolola thuto ya lefatshe leno.