Naledi

Ga se go bua, ke go wetsa

Mangwe a mananeo a, ke a temo thuo jaaka a merogo, a dikoko le dihutshane, ISPAAD  le LIMID. Mme ga se puso fela e thusang. Dikereke, mekgatlho, le batho fela ba ikemetse ka nosi, ba a tle ba thuse.

Bangwe ba age matlo, bangwe ba tle ka dijo, bangwe ka eng fela se ba tlaa bong ba bona se ka thusa.

Gompieno re utlwa fa kwa Malolwane mo Kgatleng, go na le mokgatlho mongwe o o bidiwang Bakgatla Bolokang  Matshelo (BBM). Ga twe mokgtlho o, one o thusa  ka go tlhokomela bana ba dikhutsana le batlhoki.

Go bolelwa fa bana ba e sa ntse e le bana ba bannye, ba ba iseng ba simolole sekole. Ka ba sale bannye, ga twe ba bidiwa Toddlers Playgroup mme ba tsenngwa sekole sa bananyana. Ga twe ka palo, go tswa ngogola go tla go tsena ngwaga ono, bana ba, ba ka tshwara masome a robabongwe.

E re le ntswa mokgatlho wa BBM o bolelwa o dira tiro e e molemo jaana, go lebega o se na fa o direlang teng, ke gore, fa o ka phuthelang bana ba teng wa ba thusetsa foo. Ka o sa leleng o swela tharing, ga twe mokgatlho o ne wa kopa kereke ya Dutch Reformed (DRC) go o thologa mokgosi; ke gore go o  thusa, (e seng go o tswa thuso jaaka bangwe ba tle ba bue)  mme kereke ya o amogela, ya o bulela dikgoro gore o thusetse bana koo.

 Go bolelwa fa e rile kwa tirong ya go amogela mokgatlho go dirisa kereke, Moruti  Kubyadi, a kopa gore kereke e baakanngwe, gore go tle go thusediwe bana mo lefelong le le siameng.

A tswelela a re, go thusa ngwana ke go aga bokamoso jwa lefatshe. Ga go ope yo o ka ganetsang mafoko a, ka jaana bana ke one matlhogelaa a re solofelang gore e re ka moso a bo a godile, a belege lefatshe leno. Ga twe gape, moruti a gatelela gore kereke e nne e direle setshaba ka se, ke mowa o e tswang kgakala ka one.

Selo o se tlwaetse, e bile se le molemo, o ka se latlha  jang.  A ga se go tloga o itshulafaletsa botshelo? Go tswelela o itumela, ke gore o dire tse di molemo, tse o tlang o ntse o di dira mo loetong lwa gago lwa botshelo.  Se di latlhe, bangwe ba tloga ba go hakgamalela, ba ipotsa gore, o tsenywe eng, le gore, jaanong tsela o tsaya efe.

Go bolelwa fa e rile morago ga ga moruti, go ne ga latela moeteledipele wa BBM. Ga twe ene lefoko la gagwe le le tona e ne ya nna gore, bone ba leka go bona gore bana botlhe ba tsena sekole sa bananyana pele ga ba simolola mophato wa ntlha (Std 1). Godimo ga moo, ga twe a tlhalosa gore, go dira jaana, ga ba leke go diga dikole tse di ikemetseng ka nosi.

A re bone ba thusa bana ba masiela le dikhutsana mme kwa go se nang dikole tsa bananyana teng, ba thusa bana botlhe. Gape, ba thusanya le ba boipelego go batla bana ba ba ka ba thusang. A otlhe ke mafoko a mantle, a a monate, a a ka iteelwang legofi.

A re tlhalose gore, tiro e re buang ka yone e, e begwa ke Dikgang/Daily News ( Labone Mopitlo 16 2017) mme golo gongwe kwa pego e simololang teng ya re;

“E rile a ema bakereki ka lefoko moruti….. a ba gwetlha go baakanya kereke go e baya mo seemong sa go ka tlhokomelela bana ba bannye.”

Mo temaneng e, re bona lefoko, ‘go ema ka lefoko.’ Ka fa le dirisitsweng ka teng, lefoko le, le raya go bua. Potso ke gore  a mme lefoko le, le dirisiwa jalo?

Ba a tla ba re puo e a gola, e fetoge.  E re e ntse e gola, e  bapale mafoko mangwe a masha kwa le kwa. E tseye  mangwe e a dirise ka tsela e sele, e seng ka fa a tlholegileng a dirisiwa ka teng.

Le fa gone re sa dumalane le diphetogo dingwe tse re di bonang malatsing ano, a re ineele re re, go ntse jalo, puo/teme e a fetoga. Gompieno re bona Setswana se tletse mafoko a mantsi a re sa itseng kwa a tswang teng, mangwe a bidiwa, a dirisiwa, jaaka re sa tlwaela a bidiwa kgotsa a dirisiwa.

 Re boa re botsa gore, a go ema ka lefoko, go raya go bua? Nnyaa. Ka Setswana sa tlhomamo, Setswana se se phepa, go ema ka lefoko go raya go fetsa go bua.

Motho o ka bua mme ya re a tloga a digela a re, ‘Ke tlaa ema ka lefoko le le lengwefela,’ a raya gore, o tlaa digela kgang ya gagwe ka lefoko lengwe. Yo mongwe o ka re, “Ke ema ka a le kalo (mafoko).” A ntse a raya gore o wetsa ka mafoko mangwe a a a buileng.

motshwanes@yahoo.com