Naledi

Vissagie o gweba ka setlolo sa Tonki

A ke mafoko a kgothatso a ga Johannes Vissagie, mogwebi wa letso la Sekhalate (Kleurling ka teme ya Afrikaans).  Vissagie o tlholega kwa motseng wa Werda, mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, mo letshitshing la noka ya Molopo. O gweba ka di tswa tonking mme kgwebo ya gagwe e bidiwa go twe Kgalagadi Secrets.

Marekisetso a ga Vissagie a gaufi le hotele ya Cresta President, mo Gaborone, mme Naledi e ne ya mo etela go lekola ka fa kgwebo ya gagwe e tsweletseng ka teng.

Vissagie o tlhalosa fa toro ya go simolola kgwebo e, e simologile ka ngwaga wa 2014, morago ga go dira dipatlisiso ka thuo le mosola wa tonki. A re o simolotse pele ka go rekisa mashi a tonki, mme kgwebo ya simolola go ntsha maduo. A re, ka dithuto tsa gagwe, le maduo a tiriso ya mashi a, batho ba ne ba ema kgwebo ya gagwe nokeng mme dipoelo tsa gola thata.

Polelo e e kgatlhang, e bile e ka lere keledi ya boitumelo, ke ya gore, Vissagie o godisa lesea le a reng o simolotse go le tlhokomela le le kgwedi e le nngwe.

A re morago ga gore ngwna yo a lhokafalelwe ke mmaagwe, o ne a simolola go mo nosa mashi a tonki, mme go fitlha jaana, ngwana yo, ga a ise a ko a tsenwe ke malwetsi a a tshwenyang bana jaaka a go tlhoga meno.” a bua jalo Vissagie, a re ngwana o itekanetse sentle.

A re, e rile nako e ntse e tsamaya, a simolola kgwebo go dira ditlolo le molora ka ditswa tonking.

A re o ne a gwetlhega go lekeletsa tiriso ya ditlolo le sesepa (molora) sa mashi a tonki morago ga go lemoga fa barwadie ba ne ba tswa ditswabantlê (pimples).

Vissagie o tlhalositse gape fa a ne a ikopanya le baitseanape ba dipatlisiso ba Mmadikolo (UB), mme ba mo thusa go dira dipatlisiso tsa molora o o kopantsweng le mashi a tonki le metswako e mengwe. Metswako e, a re ke ya go thusa mo botsogong jwa borre, e e itebagantseng le go tlhapa sefatlhego.

Dingwe tsa tse a di dirang ke Asinus face Ointment, tse di kopantsweng le mashi a tonki, tswina, le metswako ya dimela tsa kgaolo ya Kgalagadi. A re ditlolo tse dingwe, ke tsa batshameki, kana batabogi, tse di tlhokomelang dinao.

A re sesepa se thusa go tlhatswa letlalo la sefatlhego mme se siametse borre thata.

“Borre ba ba tswang dintho, kana lesware fa ba se na go beola, ba ka supa ka maduo a sesepa se,” Vissagie a tlhalosa jalo.

A re gape o ne a thusiwa ke ba Lephata la Tlhabololo Temo Thuo le Tshireletso Dijo, ka fa tlase ga lekalana la ISPAAD (Special ISPAAD). A re bone ba mo thusitse ka dikete tsa dipula di le masome mabedi le botlhano (P25 ,000.00)

E rile go itumelela ka fa kgwebo ya gage e dirang sentle ka teng, Vissagie a re, bo a sa, bo ya pele, ka ke yoo o kgonne go tlola dinokana di tletse le go tlhokomela lelwapa la gagwe ka kgwebo e. A re, Setswana se se reng, “Mokodua go tsosiwa o o itekang,” se a tshela.

Mongwe wa bareki, yo Naledi e mo fitlhetseng kwa marekisetsong a ga Vissagie, Letsweletse Matlhogela, o boletse fa e le la ntlha a reka ditlolo tsa Kalahari Secrets. O tlhalositse fa a kgothaditswe ke bangwe ba a neng a kopana le bone kwa pitsong nngwe ya sekolo sa Mmadikolo (UB).

A re, e rile go utlwa bangwe ba bolela gore  ba sale ba a nwa masi a tonki ba sale bannye, mme ga ba ise ba nne le bokoa bope, a gwetlhega go simolola go dirisa mashi a tonki le ditlolo tsa yone.

Vissagie o tlhalositse gore ba dirile lebokoso le le phuthelang molora le setlolo, mme di amogetswe sentle ke bareki ka di kgatlha leitlho.

Seabelo Mosalagae, a re fa e sale a dirisa molora le setlolo mo sefatlhegong, go a itumedisa ka gore ga a itse ditswabantlê le go pakoga sefatlhego.

Christinah Vissagie, yo e leng mohumagadi wa ga Rre Vinsagie, o tlhalositse fa ditswa tonking di siametse botsogo jwa mmele. A re molora o ba o rekisang o, o rekwa thata, selo se a reng se dira gore theko e ye kwa go dimo.

“Re ikaelela go kopana le Tona wa Lephata la Bojanala, Tshomarelo Tikologo le Ditsa Tlholego, Tshekedi Khama, ka maikaelelo a go kopa tetla ya go rekisetsa kwa mafelong a bojanala jaaka a diotele,” Christinah a tlhalosa jalo. A re o lebogela kemonokeng e a e bonyeng go tswa kwa sekolong sa BIUST, Innovation Hub, Tokafala Enterprises, NAFTEC le Professor S. Yeboah go tswa UB. 

Taolo Moshaga, ene o ne a bolela fa a le motlotlo gore ngwana wa Motswana, a bo a kgonne go dira setlolo sa ditswa tonking.