Naledi

Lesea le belegetswe mo boitiketsong

 

Mogolwane wa mapodise a Palapye, Superintendent Waboraro Ramaja o boleletse Naledi fa ele e rile beke e e fetileng, ba amogela pego e mo go yone baagisanyi ba mme yoo, baneng ba tlhobaela gore mme yo o ka tswa a belegetse mo ntlwaneng ya boitiketso go ne kwa Radisele. 

Ramaja a re bane ba ragogela koo, kwa ba fitileng ba thuba ntlwana eo mme ba fitlhela maloba ele maabane, lesea le goneng go belaelwa fa le latlhetswe mo teng, le setse le tlhokafetse.

A re gone go lebega losea lene le setse le na le sebaka se leele le le moteng ga lefuti mme la seka la kgona go tshela.

Ramaja a re lefa ba tsweletse ka ditlhotlhomiso, go lebega fa mma losea leo, ane a setse ale dikgwedi tse thataro a imile mme gape ene e tlaabo ele ngwana wa gagwe wa ntlha.

Le fa gontse jalo, Ramaja a re mme yoo ga a ise a itshupe fa pele ga lekgotla tshekelo mme ba solofetse gore a iponatse mo bekeng eno.

A re le fa a sa tlhomamise dipalo, o lemoga fa kgetsi e le ya ntlha ya mothale o mo kgaolong ya gagwe. O kopile basadi bogolosegolo banana go ikgaphe mo tlhakanelo dikobong e e rulaganngwang le e e sa sireletsegang. A re go dira go ka thusa go fema kanamo ya malwetse a tshelanwang a dikobo le gone go ima mo go rulaganngwang.