Naledi

Mamoja e tlhofofatsa tsela ya Matjimenyenga

Mamoja e dirile jaana ka mafelo a beke, kwa lebaleng legolo la metshameko la Francistown, fa e ne e khina Motlakase Power Dynamos ka nno setlhopha.

Chouka e loma Matjimenyenga serota kwa setlhoeng sa liki ya ntlha ya Debswana ya bokone, e go lebegang go tlaa tswelelwa go kolopanwa ka noga e tshela go fitlhelela nakana ya bofelo e tserema go fetsa liki.

Matjimenyenga le yone ya itirela tiro motlhofo ka go kokotela Maun Tigers sepekere kwa Maun, mme ya bula sekgala sa dintlha tse tlhano kwa setlhoeng.

Motshameko wa Mamoja le Chouka o ne o jesa leitlho monate e bile o tlola ditlhase. Bobedi joo, bo ne bo etelana gangwe le gape kwa molomong wa dino. 

Go fetile metsotso e le merataro fela mme ke fa Mamoja e kgaola barati le barotloetsi ba Chouka pelo, jaaka Onkemetse Powe a ne a tsapoga, a thula sekhutlo sa ga Nicolas Matlhare, mme a retelelwa ke go nosa mme maiteko a gagwe a baka gore kgwele ya gagwe e iteye kota.

Mamoja ba ne ba supa maitemogelo a a kwa godimo e bile ba wetse dibete, ba dira jalo go letlelela Chouka go neelana kgwele bonolo mo mpeng ya lebala. Ya re go e phamoleng teng, ba se ka ba diya nako mme ba kubugela Chouka ka maikaelelo a go nosa, fa Chouka e sa ntse e leka go ikaga kwa morago.

Ka motsotso wa masome a mane le boraro, lekawana la Chouka, Itumeleng Mabuaaeme, la romela kgwele e ntle go tswa kwa mojeng, mme lekawana le le katogileng monyo, la nomoro ya lesome, Thatayotlhe Gaokgorwe, la tlola go gaisa ba bangwe fa gare ga lebota la Mamoja, fela la se ka la lebaganya kgwele ka tlhogo mme ya feta dikota tsa Mamoja ka noko.

Mamoja ya tswelela ya huhutsa Chouka mme motsotso fela pele ga go iwa boikhutsong, Matlhare a neelana kgwele bontle le Oarabile Powe. Ene a lebagana le motshwaradino wa Chouka, Kagiso Rankabekwa, mme a tsaya kgwele a e baya kwa kwateng e e kgakala go neela Mamoja ketapele.

Motshameko wa tswelela o tshwana morago ga boitapoloso. Chouka e sa supa fa nno ya Mamoja e sa ba kgoba marapo ka gope. Mamoja le yone ya tswelela ka ya bone ya go kubugela kwa pele.

Ka motsotso wa masome a matlhano le borataro, Chouka ya lekalekanya dino. Gaokgorwe, yo o neng a simolotse go tsenya lesukasuka, a amogela kgwele fa pele ga lebokoso la Mamoja mme a tlodisa lemorago la Mamoja koi, pele ga a ala kgwele go e naya Mabuaaeme kwa kwateng e e kgakala, mme Mabuaaeme a e thula sentle go lekalekanya dino.

Onkemetse Powe le ene a retelelwa ke go neela Mamoja ketapele ka motsotso wa masome a marataro le bone morago ga gore kgwele e mo wele bonolo mo lebokosong la Chouka, mme a rulela dikwata fa  balatedi ba gagwe ba ne ba eme ka dinao ba solofetse go bona e e nwa.

Chouka le yone ya ipoletsa dipotso ka matshosetsi mme ya seka ya atlega mo go noseng.

Kwa pheletsong, bakatisi ba dithopha tsoo pedi ba amogela maduo a ntlha setlhopha. Wa Chouka, Pule Mogotsi a sala a ikgora menwana a re ba reteletswe ke go dirisa ditshono di ba lebagane mo metsotsong ya bofelo mme a re ba mo maemong a siameng go gwetha bosimega, a supa fa Mamoja e se sethopha se se bonolo go se fenya o se latile mosimeng.