Naledi

Setlhako go lela sa WELLS

SENEPE: KEOAGILE BONANG
 
SENEPE: KEOAGILE BONANG

Ditlhopha tse dine dile boferabobedi ka palo mme le fa gontse jalo, makgaolakgang a tse di latelang, ke a tse dingwe tse di lesome le bobedi.  A rulaganyeditswe go tshamekwa ka mafelo a beke e etlang kwa toropong ya Jwaneng.

E tlaare morago go tshegediwe makgaolakgang a tse borobabedi tse di setseng mo metseletseleng ya metshameko e, e e tla bong e tshwaretswe kwa toropo kgolo Gaborone kgwedi ya Moranang e le borobabobedi le borobabongwe monongwaga. Sethopha sa ko Jwaneng, Wells International sa borre le sa bomme, dine di kopolotse thipa kwa Selebi Phikwe tsotlhe di fetsa mo maemong a ntlha go iponna phatlha ko legatong le le latelang.

Wells ya borre, e e bileng e le yone basireletsi ba liki ya BoFiNet, e fentse metshameko e le mene e bo e latlhegelwa mo go o le mongwe fela, mo metshamekong ya bone e e metlhano ya mafelo a no a beke.

Borre ba Wells, ba simolotse letsatsi la Matlhatso ka go padimola sa Maun Deltas ka metabogo ele borobabobedi go lefela. Mo motshamekong wa bone wa bobedi, ba garaswanya Orapa Carats ka dintlha tse supa go tse tlhano tsa Carats, ba bo ba ripitla sa Maun Deltas ka ntha tse 20 go lefela.

Wells ene ya kopana le lerwa le fuduga mo motshamekong wa diselammapa, le setlhopha sa Gatalamotho, se seneng sa ba timola mogote ka ntlha tse tharo go tse pedi. Ka Letsatsi la Tshipi, Wells ya tla e itharabologetswe e feleletsa ka go suputsa Panthers ka dintlha tse nne go tse tharo.

Bo mme ba Wells, bone ba seka ba batla ope a ka ba ema pele ba fenya metshameko ya bone yotlhe e e meraro.

Ba simolotse ka go kolobetsa sa Mahalapye sa Rail Giants, ka ntlha tse lesome go tse borobabobedi. Fela motshameko wa bone wa bobedi wa bo e se o o bonolo le ntswa ba ne ba kgona go sutlha ka phatlha tsa menwana, kgatlhanong le Panthers ka nno e le nngwe go lefela., Ba ne ba fetsa ka go padimola Scramblers ya Francistown ka tse tharo go e le nngwe.

Dithopha tsa Panthers, Rail Giants le Carats tsa borre tsa fetsa jalo ka tatelano go pata sa Wells go fetela ko legatong le le latelang. Tsa bomme tsa Vikings, Panthers le Rail Giants le tsone ka tatelano ya nna tsone tse di fetelang ko pele le Wells.

Maduo ka kakaretso a ko Selebi Phikwe a eme jaana.