Blogs

A re tlhotlhore kgetsi

Go tlhalosa lenatetshapuo le, re ne ra re, go na le gore e re go apeilwe nama, e re e  ise e butswe, go nne go inolwe, go twe go utlwiwa letswai. Go dira jaana go a bo go se molato ka e a bo e le go utlwa gore, a go lokilwe sentle, letswai le lekanye, le a utlwala, kgotsa le tlhaetse, le batla go okediwa. Gape, e a bo e le go utlwa gore, a ga le lentsi thata, bangwe ba tloga ba re, le tlaa ba lwatsa.

Bangwe ka boammaaruri, ba utlwe letswai. Fa le siame ba tlogele, fa le tlhaetse, ba latlhele gape gore le utlwale. Ka ba bangwe baapei, go se ke go nne jalo. Molato o tswe gone fa. E re le fa letswai le siame, go nne go inolwe, go inolwe, go inolwe fela jalo. Fa tiro e tshwana le ya lenyalo, e re pitsa e ne e le baapei babedi fela, e tloge e nne baapei bantsi.

E bo e le gone fa nama e tlaa fela e sa ntse e apeilwe, e re go tsholwa e tlhaele, mme go twe pitsa e jetswe mo isong.

Jaaka re bonye maloba, baapei bangwe ba iphemele ka gore, nama e butswa e a ngotlega; bangwe ba re, kgomo ga e nene.

Fa re fetela pele, go tlhotlhora kgetsi jaaka re buile, re utlwa Motswana a re, go na le go jela tlase. Gone go raya eng? Re tla boela fa morago re re, re itse gore Kgabutlwe ke molemi, morui. A jaanong re re, ka ngwaga ono go ne go se na pula, dikgomo tsa gagwe ga di a tsala thata jaaka gale. Ka ga di hule sentle, ga di kgore, ga di sise.

Ga go na mashi a go nowa ke bana le fa e le go tshela makuka. Kwa masimo le gone go omeletse. Go tsoga bana ba a tsoga mme malatsi a mangwe le tlhatloge fela ba ise ba bone sepe sa go tshwara legaba. Fa go ntse jaana, Setswana se re, bana ba ga Kgabutlwe ba jela tlase. Ke gore, ga ba je sentle, ga ba je ba kgora. Mme gongwe e se go ja fela, le tsone diaparo di se yo, botshelo mo lwapeng bo le bosesane.

Go ntse go ntse jalo, go nne le go jela godimo. Motswana a re, ngwaga ga o rwalele o mongwe, a raya gore dingwaga ga di tle ka go tshwana. Ngwaga mongwe o ka nna wa leuba, botshelo jwa nna thata mme o mongwe kana tse dingwe kwa morago ya tla go nna dingwaga tsa letlepu.

A jaanong re re, seemo se se fa godimo sele, se a fetoga. Ngwaga mongwe, pula e a na, megobe e a tlala, phulo le yone e nna teng. Ka di a hula, di a nwa, di a kgora, di a sisa, go a gangwa, mashi a mantsi. Mangwe a a nowa, a mangwe go apewe ka one, a nne a sale, go tshelwe makuka go dirwe madila.

Kwa masimo le gone dijo di teng, go jewa dilo tse tsotlhe. Ga se nako ele, e bana ba neng ba ka tsoga, kana ba lala fela, ba ise ba ke ba gotlhe legano ka sepe.

Ka jaanong dilo di fetogile, e tlaa re Kgabutlwe a bua ka botshelo jwa lelwapa la gagwe a re, bana ba gagwe ba jela godimo, a raya gore, ba tshela sentle, ga ba itse go lala le fa e le go tlhola ka tlala jaaka ngwaga ole. Bangwe ba bo ba ka nna ba fetela pele ba re, bana ba ga Kgabutlwe ba fa gare jaaka philo.

A fetele pele Motswana a re, go na le go jela kgobelong.

Motho a re o jela kgobelong kgotsa o jesediwa kgobelong ke sengwe, ke mongwe. A re beye sekai re re, go basetsana ke ba, ba babedi, Ponelo le Boelo, ba nna mmogo. Basetsana ba, ba ntse ba utlwana, ba amogana ditiro mo lwapeng. E re go tsogwa, ka e fofa ka moswang, Boelo a apeye gore ba tle ba fitlhole, mme Ponelo a tloge a tlhatswe dijana. Morago ga go fitlhola, ditiro di tswelele. Boelo a tseye lofeelo a feele mo tlung, a faphe dilwana, fa Ponelo ene a feela kwa ntle. Ga nna monate mme fa go ntse go ya, ra se ka ra itse gore gare go tsenye eng. Ponelo a tsenwa ke mowa wa gore, tiro ya kgosi e bolaya lesilo.

A boela morago, a batla gore dilo tsotlhe di dirwe ke Boelo a le nosi.

E re Boelo a re o a bua, a leka gore a thusiwe, Ponelo a se ke a batle go reetsa, ba fapaane ka mafoko. Ka o a babalelwa, o imelwa ke go dira a le nosi, le mafoko a e reng a re o kopa go thusiwa a bo a a bolelelwa, Boelo ga a tsoge sentle, ga a a iketla mo moweng, ga a nne a phuthologile maikutlo.

Ka one mabaka a, e tlaa re a itekodisa ba bangwe a re, o jela kgobelong, o jesediwa kgobelong ke ka fa Ponelo a mo imetsang morwalo ka teng. Ba mmogo mo lwapeng mme Ponelo ga a ikutlwe go dira sepe. Godimo ga moo, fa go twe tshwara ka foo, o araba ka mafoko a a botlha. O ka a ja, tsa wela jang fa go ntse jaana? Ke gone fela go jela kgobelong o se koko. A bue jalo Motswana.