Naledi

Batlokwa ba shenne meno

 

E ne e le ka Labone wa beke e e fetileng fa Batlokwa ba le supa le le fa gore ga ba kitla ba letlelela ditlhabololo dipe go diragala mo motseng wa bone, selelo sa bone sa lefatshe se ise se arabiwe.

Se se tla jaana morago ga gore kwa phuthegong eo, Mookamedi wa kompone ya Environmental Solve Consultancy, Rre Gaogakwe Ikgopoleng, a bolele fa Lekgotla la Kabo Ditsha la Tlokweng le ba thapile go sekaseka tikologo le tiriso ya lefatshe le go akanyediwang go atolosetsa mmolo wa marekisetso a a farologanyeng mo go lone. 

Ikgopoleng a re lefelo le, le ntlheng ya tsela ya molelwane wa Tlokweng, mme go setse go na le bagwebi ba mabenkele a Spar, Jack’s gym, Furnmart le lefelo la iphokiso phefo la manyalo, le bagwebi bao ba supileng fa ba le kgatlhegela.

Ya re go solofetswe go re ba kgwe baeng dikgaba, Batlokwa ba tla ka kopo ya lefatshe; ba re, boemong jwa mmolo, ba batla go agelwa sekole se segolwane (Senior Secondary School) le go abelwa ditsha tsa bonno le tsa kgwebo.

Kgaruru

Kgang e, e simologile morago ga gore Batlokwa ba utlwe fa mothusa kgosi, Kgosi Monnye Matlapeng a kgala ditsamaiso le ditshwetso tse di dirwang ka motseng wa bone, pele ga ba ka rerisiwa, gore a ba a dumalana kgotsa nnyaa.

Kgosi Matlapeng, yo o neng a bua boemong jwa Kgosikgolo ya Batlokwa, Puso Gaborone, o ne a se ka a diya nako; a ntsha mosi ka sekhurumelo gore, ka nako tse dingwe,ditlhabololo tse di dirwang mo motseng wa bone,di ba amoga dithoto tsa bone.

Matlapeng o tlhalositse fa go setse go kile ga nna le tiragalo ya mofuta o. Mme a re o kopa Batlokwa botlhe, le baagedi ba Tlokweng, go simolola go tsena diphuthego tsa mofuta o,go tla go itseela molaetsa, le gore ba batla go dirwa eng ka motse wa bone,e seng go tseelwa ditshwetso.

E rile a tswelela, Ikgopoleng a re, katoloso e, e tlaa thusa  ka go tlhamela Batlokwa le bana ba bone ditiro.

Mogwebi mongwe, Richard White, yo e leng mookamedi mogolo wa Tlokweng Medi Clinic (PTY)Ltd, o ne a tlhalosa fa ba tlaa thusa Batlokwa ka go aga sepatela se segolwane. A re, sepatela se, se tlaa agiwa kwa kgotleng ya Marataneng. A bolela gape gore, kakanyo e e tsile mo go bone morago ga go lemoga fa Tlokweng a se na sepatela se setona. 

A tswelela a re,sepatela se tlaa thusa le dikgaolwana tse di dikologileng Gaborone.

White a re kago ya sepatela se, etla tlhama ditiro di le makgolo mabedi le masome a matlhano. A re, godimo ga moo, ba tlaa akanyetsa Batlokwa pele fa go thapiwa babereki ka gore, sepatela se, se agiwa mo Tlokweng.