Naledi

YDF e tlodisa banana melatswana � Mzwinila

Mzwinila o buile se kwa Palamenteng bosheng, a re le fa letlhoko le sa lojwe, puso e tsweletse ka go dira maiteko a le mmalwa a go tsibogela seemo se. A re lenaneo le le thusang banana ka madi (YDF) le kgonnne go tlodisa bana melatswana le go tlhamela ba ba sa direng ditiro. 

A re lephata la gagwe le kgonne go namola banana bangwe mo seemong sa letlhoko la ditiro, ka go ba adima madi a a senang morokotso go simolodisa dikgwebo.

Mothusatona a re, ga a mo seemong sa go balolola dipalo tsa bao ba ba thametsweng ditiro, a lebile go anama ga mefuta ya ditiro tse, mme a re go tshwanetswe ga lejwa gape go re maphata a le mmalwa ko ntle ga la gagwe, a thusa banana ka mananeo a mangwe.

Mzwinila a re, puso e ikaelele go boloka madi a ka tshwarang dikadike tse di makgolo a mararo le masome a marataro a dipula (P360million), mo dingwageng tse tharo tse di tlang.

A re se ke kakanyetso ya bao ba ba setseng ba thusitswe gole pele bale 1000 ka ngwaga mme tsholofelo ele go re ba ka thamela ba bangwe ditiro dile dikte tse thataro (6000) ka fa tlase ga lenaneo la YDF.

“Dipalo tse ke di rolang tse, ke tsa lephata la me fela mme maphata a mangwe le o ne a na a le dipalo,” go tlhalosa jalo Mzwinila, jaaka a ne a araba potso e boditswe ke Mopalamente yo o itlhophetsweng ke Palamente, Mephato Reatile.

O ne a batlile go itse fa lephata la MYSC le na le mananeo a fe a a faphagileng a a itebagantseng le go tlhamela banana ditiro mo Botswana. O ne a batla gape go itse ka dipalo tse di solofetsweng kana tsa kakanyetso mabapi le go thamela banana ditiro mo dingwageng tse tharo tse di tlang.

Ya re a latlhela tlhware legonyana, Mopalamente yo mongwe yo o itlhophetsweng ke palamente, Bogolo Kenewendo, le ene ele monana, a batla go itse ka tshwaragano ya puso le mohama wa dikompone tse di ikemetseng ka nosi go tsibogela seemo sa letlhoko al ditiro mo Botswana.

Ya re a mokgwa dikgabe, Mzwinila a re, o eletsa go bona tomagano e nonofileng magareng ga puso le mohama o o ikemetseng ka nosi wa dikgwebo, mo go tokafetseng seemo sa letlhoko al ditiro mo Botswana.