Naledi

Emang basadi, emang

Maiteko a re buang ka o ne, ke a go itshidila mmele le tlhalogano. Itshidilo mmele e na le seabe se se tona mo go nonotsheng tlhaloganyo, mme go dira jalo go fe motho sebaka sa go lapologa le go akanya botoka.

Go lapologa tlhaloganyo go mosola ka go thusa bogolosegolo bomme, go amogela diemo tse ba tshelelang mo go tsone, jaaka tsa kgokgontsho ya bong. Ga go tshwane le borre, ba gantsi ba retelelwang ke go laola maikutlo a bone.

Gona le borre, bomme ba kgona go ipopa ditlhopha mme ba gakololane le go amogana bopaki ka dikgwetlho le dikatlego tsa matshelo a bone.

Letsatsi le la bomme, le na le bokao jo bo botlhokwa thata jwa go lemoga seabe se basadi ba se dirileng mo go lweleng ditshwanelo tsa bone, le ngwana wa mosetsana.

Re lemoga jalo ka go bona puso ya lefatshe leno le yone e diragaditse diphetogo dile mmalwa mo melaong ya lefatshe leno. Se kgoreletsi e santse ele go tlhoka go emana nokeng ga bomme mo mererong ya dipolotiki.

Re solofela fa thutuntsho e e dirilweng ke barulaganyi ba go ipelela letsatsi la bomme, e tla sologela bale bantsi molemo. Le gore ba tla tswelela ka go gakolola bana, eleng wa mosimane le wa mosetsana, le borre tota, ka dikgwetlho tse di tsweletseng go ama Batswana, bogolosegolo malwetsi a a sa tshelwaneng jaaka a dikankere.

Kgakololo ya rona ke gore, a e re fa re bua ka dikgang tsa kgokgontsho ya ngwana wa mosetsana le mme, re batlisise gape gore ngwana wa mosimane ene, o godisitswe jang le gore o ka tlamelwa le go engwa nokeng jang fa a gola le go nna rre wa lelwapa.

Go gantsi fa re ipelela letsatsi la bomme, re kgaphela bankane ba bone kwa ntle, mme re ipatle rele nosi. A re simololeng go akanyetsa go rulaganya letsatsi le le latelang, ngwaga o o tlang, go akaretsa ngwana wa mosimane le rre mo ipelelong ya letsatsi le.