Naledi

Go ola lonao ke eng?

Ka fa pego e supang ka teng, sekole sa Takatokwane ga se tsoge sentle, ka bana ga ba tsene sekole sentle, le  tiro ya bone ga e nametse.      Batsadi le bone ba tsaya fela gore, tiro ya sekole ke ya barutabana ba le nosi. Go ya ka pego, e rile go bona seemo se ntse jaana, bagogi ba sekole ba tsaya matsapa a go tsamaya le metse ya bana ba ba tsenang kwa Mahupu go ba itekodisa morafe. Motse wa ntlha ba tsena etelwa e ne e le wa Maboane; ba feta ba tshwara phuthego ya kgotla koo.

Ga twe kwa phuthegong eo, kgosi o ne a kgothatsa batsadi go ne ba etela dikole go ya lekodisanya le barutabana gore maduo a bana a ka tokafadiwa jang.

A tswelela a tlhalosa gore, ngwana yo o sa direng sentle kwa sekoleng, o felela e le morwalo wa batsadi ka e tlaa re a se na go fetsa sekole, go bo go se na sepe e a ka itshetsang ka sone.

Jalo he, ga twe kgosi a kopa batsadi gore ba eme ka dinao, ba tlhagafalele thuto ya bana ba bone, gore e re ka moso, bana bao ba bo ba ka  itirela sengwe.

Go bonala gore, bana bangwe ga ba ithute sentle, ka e a re ka nako ya sekole, batsadi ba ba kope go ya go thusa kwa gae; kwa masimo le kwa merakeng.

Ngwana o ka ithuta jang fa e re ka nako ya sekole, ene a bo a le mo tshimong a tlhagola kana a leta, kgotsa a setse dipodi morago? Di ka mo emela dithuto. Di a feta, ene a sale foo.

Go utlwala fa mafoko e ne ya se ka ya nna a ga kgosi fela. Ga twe mogokgo wa sekole le ene o ne a tla ka la gagwe, mme a gata mo motlhaleng wa ga kgosi.

Ga twe o ne a kopa batsadi go emisa go kopa bana ba ba isa ditirong tsa legae, jaaka manyalo. Lebaka e le eng? Lebaka e le gore ditiro tse le tsone di diya bana go ithuta.

Ga twe mogokgo a tswelela a lekodisa phuthego ka sekole sa gagwe mme a bolela fa ngwaga o o fetileng (2016) bana ba Maboane ba ne ba tswa mo sekoleng ba le some (10) mme mo palong e, ba le babedi ba dule ba imile.

Re tlaa dumalana gore a, e ne e se mafoko a a monate. Bana ba, e ne e sa ntse e le bana ba bannye, ba ba sa leng kgakala le go ka godisa bana. A jaanong ga se one mokgweleo wa batsadi o go neng go buiwa ka one fa godimo fale?

Jaanong o tlaa botsa gore, morago ga go utlwa kgosi le mogokgo ka fa ba neng ba gakolola ka teng, batsadi bone ba ne ba reng?  Ga twe batsadi ba ne ba re, ba tlaa simolola go etela dikole go ya go lekola tiro ya bana. Gape, go lekiwe go batla ditsela tsa go rarabolola kgang ya bana ba ba tshabang sekole. Godimo ga moo, ga nna le mogopolo wa gore, go ne go kopanwa le bana, go buiwa le bone ka bodiphatsa jwa go tlhoka tsebe. E, ke megopolo e mentle, e re dumelang gore, fa e ka diragadiwa, bana ba ka tlhagafalela go ithuta, le tiro ya bone ya tokafala.

 Fa e bega ka fa kgosi a neng a simolola bua le morafe ka teng, Dikgang/Daily News ya re;

“..... a kopa batsadi go emisa mokgwa wa go isa bana kwa sekoleng fela fa ba ya go dira mophato wa ntlha ebo e le gone jaaka ba odile lenao.’

Lefoko ke leo ga twe go ola lonao. E rile go utlwa lefoko le, ngwana mongwe a botsa gore, go ola lonao ke eng? A re ene o itse go olwa ngwana, e seng lonao.

Mmualebe o ne a tlhalosa gore, go ola ke go tsaya leswe go ya go le latlha.  A ntsha sekai gore, ngwana yo a iseng a itse go ikisa kwa ntlwaneng ya mahuri/boitiketso, o ka kotama a dira se a se dirang mme ya re a fetsa, leswe lele la tsewa go ya go latlhiwa. Ngwana yole a tlhaloganya mme a nna a botsa gore lonao lone lo olwa jang.

Karabo ya nna gore, go ola lonao ke go natefisa puo, go raya gore, motho ga a  ke a tlhole a bonwa golo gongwe.

A tlhalosediwa gore, fa godimo fale, go raya gore, batsadi ba bonwa kwa sekoleng tsatsi  la ntlha fele mme ba se ke ba tlhole ba boela koo gape.

Ka go rialo, ba odile lonao kwa sekoleng. Mme fa ba ne ba ka boa, ba ya sekoleng gape, go ne go tlaa twe ba ntse ba ba ya lonao koo. A utlwa Motswako. motshwanes@yahoo.com