Naledi

Bomme ba amogana maele ka botsogo

 

El’Halabi, yo a neng a le sebui sa tlotla kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la bomme mo Gaborone bosheng, o boletse fa moono wa monongwaga o lebanye ka o itebagantse le go sala morago botsogo jwa bomme. A re go itshidila mmele le tlhaloganyo go botlhokwa thata mo babereking, bogolo jang bomme.

Fa a bua ka botsogo jwa bomme, EL’ Halabi a re ba lebanwe ke kgwetlho ya malwetsi a a sa tshelanweng mme a ba lopa go itekodisa ba botsogo nako e sale teng, go hema ditlamorago tse di maswe jaaka tsa kankere ya lebele.

O tlhalositse gape fa malwetse a kankere a sa ame bomme fela mme le borre a ba ama. A ntsha sekaika kankere ya lebele le ya setlha sa borre.

Game Mothibi, mokwaledi wa mokgatlho wa International Working Group on Women in Sport (IWG), o boletse fa letsatsi la bomme le le botlhokwa thata ka le lemotsha le go kgothatsa bomme ka lefatshe lotlhe go lemoga boleng jwa lone le seabe sa bone mo ditlhabololong tsa mafatshe a bone.

Mothibi a re go ka twe, mme ke tlhogo ya lelwapa fa go lebilwe seabe sa gagwe sa go tlamela ngwana ka tsotlhe tse a di tlhokang.

Gape a re, ba tlaa etela dikole go rutuntsha le go ya tlhagisa bana ka malwetse a a sa tshelanweng. A re, ba tshwanetse go tsibogela seemo se ka nako gore ba tle ba tshele botshelo jo bo itekanetseng.