Naledi

A polaseteke e ka baka kankere?

Ke ipotsa gore ke eng dipalo tse di gola. Gape, ga rena leswe le le kalokalo le le ka bakang kgotlhelesego ya tikologo, tota le ya lowapi, e e ka bakang malwetsi a.

Bosheng, ke lemogile fa dipolaseteke tsa mephuthelwana (plastics), di na le seabe mo go anamiseng kankere. Jaaka re tlhabolologa, re bona jalo tiriso ya polaseteke e gola.  E motlhofo go ka dirisiwa go rwala dijo kwa mabenkeleng le go boloka dijo tse di setseng kana selatsa. Ebile, e latlhwa motlhofo mme e kgotlele tikologo.

A o itse ka BPA? Ke botlhole jo bo fitlhelwang mo mofuteng wa dipolaseteke, jo bo ka bakang kankere. Botlhole jo, bo tswa kwa madirelong a dipolaseteke. Go sireletsa ngwana wa gago, se dirise polaseteke mme o dirise lebotlele la mashi kana tame e e senang botlhole jo jwa kankere. O ka dira jalo ka go batlisisa mekwalo ya mefuta e e letlelesegang.

Di polaseteke kana di dirisiwa tse di dirilweng ka polaseteke jaaka tse di bolokang dijo tsa ‘tupperware’, dingwe tsa tsone ga se tse di ka dirisiwang go thuthafatsa dijo ka sefetlhamogote sa microwave. Tse dingwe tsa di dirisiwa tse, ga di a tshwanela go dirisiwa go boloka metsi a a bedileng fa dingwe tsone di ka dirisiwa jalo.  Fa o reka polaseteke kana sedirisiwa sa yone, ela tlhoko dinomore tse di mo go yone, jaaka type 1, 2 go fitlha ka type 6. Bagwebi bangwe bogolosegolo ba ba rekisang dijo tse di apeilweng, ba na le go bolela fa dipolaseteke tsa bone di sena botlhole jo jwa BPA. Fa o batla go itse thata ka se, etela kwa: https://jonathanevatt.com/bpa-free-plastics-false-safety-1566/ go itse thata ka borai jwa dipolaseteke le di dirisiwa tsa yone.

Fa o batla polaseteke e siametse tiriso e e senang go go bakela kankere, dirisa ya mothale wa type 2,4 le 5.

Tlhagiso: Ela tlhoko gore o dirisa polaseteke ya mofuta ofe fa o boloka le go phuthelelwa dijo, kana o dirise sephuthelwana sa Tupperware se se siametseng dikai tse ke di nankotseng.