Naledi

Mpeetshane o a kgaoga kwa Bokone

 

Batshameki ba ditlhopha tse di kwa godimo le tse di kwa tlase ga liki e, ba setse ba supa metwane e mesetlha ya go kokonelwa ke mpeetshane yo o batlang go kgaoga.

Go setse metshameko e metlhano fela gore liki ya ntlha ya bokone e ye bokhutlong, mme mofenyi ga a ise a itshupe, jaaka ditlhopha di rinana go ya ntlheng e le nngwe, ka go batla go gapa setlha seno.

E rile ka mafelo a beke e re tswang mo go yone, maikutlo a batshameki, barotloetsi le balatedi, a bo a ile godimo jaaka dithopha di ne di tsweletse di iteisana borathana. Ntwa e e matlho mahibidu e ne e ya bolola kwa Pilikwe ka Sontaga, kwa setlhopha sa Morupule Wanderers se neng se leka go falola selepe mme ka lesego le ne le ba wela, Wanderers ya kokotela Sua Flamingoes ka sepekere se le sengwe. e fa go ntse jalo, go tlhalosiwa fa motshameko oo, o sa felela ka nako e e letleletsweng. Motshameko o ne o farafarwe ke ditiragalo jaaka balatedi ba setlhopha sa Flamingoes, ba ne ba supa maitshwaro a sa itumediseng.

Go dira jalo ga patelela motshwaraphala go emisa motshameko go leka go ritibatsa seemo.

Mo potsolotsong le Naledi, mokwaledi mogolo wa liki ya ntha ya bokone Rapula Gaothobogwe, a re motshwaraphala, Thuso Ramaphakela, o ne a emisa motshameko ka motsotso wa masome a supa morago ga gore bangwe ba balatedi bao ba tsene mo lebaleng motshameko o tsweletse.

Gaotlhobogwe o tlhalositse fa maduo a motshameko oo a gatisitswe ka sethopha sa Flamingoes e le sone se o kgaupeditseng . A re ditlhotlhomiso di tlaa tswelela mme kwa morago ba ba molato ba tseelwe dikgato.

Mo metshamekong e mengwe, setlhopha sa TASC se tsweletse ka go iphalotsa kwa mogatleng. Ba dirile jalo ka go tshameka maleka a nno setlhopha le TAFIC. O e ne e le motshameko wa disela mmapa kwa Francistown ka Matlhatso.  Mo motshameko wa ntwa ya toropo ya Selebi Phikwe, Real Movers e ne ya fitlhela FC Satmos e ntse mosima wa phika. Ditlhopha tsoo pedi tsa tshameka maleka setlhopha mme seo sa patelela Satmos go ipaakanyetsa mosepele wa go fologela kwa liking e e kwa tlase. 

ECCO City Greens ya tseela mosepele kwa Kasane kwa e fitlhetseng Chobe United e sa ikatega teng, mme ya e latlhela dinno tse pedi go lefela. Seo ya bo e le mpho ya Ecco go tokafatsa maemo a yone mo liking. Motlakase le yone e ne ya ipaya mo maemong a mantle a go atamela sa TAFIC ka go fenya setlhopha sa Maun Tigers ka tse pedi go lefela kwa Palapye.

Chouka, jaaka Motlakase e tlwaetse go bidiwa, e pagametse mo maemong a boraro mme e sa ntse e tshwere motshameko o le mongwe mo letsogong.(A e saletswe ke motshameko o le mongwe? Fa go ntse jalo, a re bue jalo.)

Phenyo mo motshamekong o, o o tlaa tshamekiwang phirimaneng eno le sethopha sa Real Movers kwa Palapye, e ka bona setlhopha sa Chouka se pagamela mo maemong a bobedi a liki, e bile se fokoditse ketapele ya TAFIC. Dithopha tse jaanong di tlaa bo di kgaoganngwa ke ntlha e le nngwefela fela..