Blogs

Re amogela gore ke phoso

Ba tswelele ba re, fa tse di le teng, di bile di tlhokomelwa, batho ba ka tshela sentle, ba ema ka dinao go leka go itirela botshelo, le gone go tsosa itsholelo ya lefatshe la bone.

Le fa go ntse jalo, kgang nngwe e re, puso ga e ka ke ya kgona go dira tse tsotlhe e le nosi. E re, ka moroto wa e esi ga o ele, a e re puso e tshwere e leka ka fa, setshaba le sone, ka ditsela tse di farologanyeng, se tsenye lebogo, se thuse. Go twe, a e re puso e duelela bana sekole, batsadi le bone ka ntlha e nngwe ba latlhele sengwe. Go twe fa go dirwa jalo, kgetsi ya tsie e tshwaraganelwa, tema e ka bonala.

Go tlatsa kgang e, re utlwa fa kwa Tswapong, monna mongwe a itlamile go thusa go tlhabolola le godisa thuto. Monna yo, a dira jalo ka tsela efe, a thusa jang? Go bolelwa fa monna yo, a tlholega kwa Lesenepole, mo Tswapong, mme jaanong a nna kwa Palapye. Ka moutla kgola ya tsatsing o e lebisa babo, re utlwa fa Rre Gaonne a sa lebala gore tota o tswa kae. Go supa se, ga twe, rre yo o thusa dikole tse dipotlana tsa Lesenepole le Mapulane, le se segolwane sa Bakgopeng, ka go abela bana dimpho fa ba dirile sentle mo dithutong tsa bone. E le eng a dira jaana?

Se, e le go tiisa bana moko gore ba tlhagafalele go ithuta mme e re ka moso, ba bo ba ka bolelwa ka sengwe, kgotsa bone ba supa sengwe gore, e rile morago ga go fetsa sekole, ba direla fatshe la bone eng. Potso e nne gore, mme Rre Gaonne ene, o naya baithuti dimpho tse di ntseng jang, tsa mohuta ofe?  Pego e re kopanyeng nayo, e supa fa dimpho tse, e le madi. Re utlwa fa moithaopi yo, a sale a simolotse tiro e ya go abela bana, ka ngwaga wa 2005 mme go fitlha nako eno, a setse a dirisitse madi a ka tshwara P8,425.00.

Re ka botsa gape gore, a madi a, a newa bana e le one madi tota, kana go rekwa dilo dingwe ka one mme ke tsone di abelwe bana. Ga re itse sentle mme go bonala bana ba a newa e le one madi tota, fela go sa bolelwe gore, ngwana mongwe le mongwe o tlaa bo a newa bokae. Jaaka re utlwile, ga twe, madi a, a dirisitswe go tswa ngwaga wa 2005, go tla go tsena ngwaga ono. Se e le ngwaga tse di lesome le boraro, mme mo go tsone, ka one madi a, go thusitswe bana ba le masome mararo le bosupa.

Fa re leba, re bone se e le tiro e ntle, e bile ruri e tiisa bana moko ka jaana ba tlaa bona gore, fa ba ka tlhoafala, ba ithuta, e tlaa re kwa morago ba robe sengwe, mme fa ba ntse ba tsweletse, ba tlhoafetse ba ithuta, la bofelo ba bo ba ka roba go feta ga nako eno. Tiro e ya ga Rre Gaonne, e bolelwa e lebogelwa ke botlhe, e bonwa e le tiro e ntle thata. Ga twe batsadi, barutabana, baithuti, le one morafe wa Tswapong tota, ba bolela e le tiro e e molemo thata ka e dirile gore, bana ba tlhagafalele go ithuta, mongwe le mongwe a lwela gore a tle a fenye mme a bone mpho ya moithuti yo o gaisitseng. A e bo e se one mohuhutso wa phatla, le gore, o roba se o se jwadileng? Fa o ithuta o tiile moko, o tsentse marapo dinameng, o bone sengwe. Mme fa o dira o lepeletse, mogopolo o ile go sele, o bo o ka nna wa itswela fela.

Go ya ka pego, tiro ya ga Rre Gaonne, ga e felele fa. Go utlwala gore, godimo ga go abela bana, o thusitse go aga leobo la kgotla kwa Lesenepole, o thusitse go aga kereke nngwe, a bo a tlhama le setlhopha sa kgwele ya dinao. Mo go tse tsotlhe a ntse a ithaopa.

Re boetse ra tlhodumela Dikgang (Daily News/Moranang 30 2018) mme ra kopana le polelo e ka ga Rre Gaonne mo go yone. Fa e bua ka nngwe ya ditiro tsa ga Rre Gaonne, Dikgang/Daily News ya re;

‘O tlhamila setlhopha sa kgwele ya dinao……go batlela…..mafulo a matalana kwaditlhopheng tse di duelang botoka.’ Eo, e bolelwa e le nngwe ya ditiro tsa boithaopi tsa ga Rre Gaonne, a ntse a leka go thusa puso go aga tshaba e e nonofileng. Ke kgang e ntle, mme fela temana e, ga e a kwalwa sentle. A o bonye diphoso tseo?

Lefoko ke leo ga twe ‘tlhamila’ fa tota e ka bo e le ‘tlhamile.’ E nngwe phoso ke eo, lefoko ‘kwaditlhopheng’ le kwadilwe e le lefoko le le lengwe, fa tota e ka bo e le mafoko a mabedi, a re, ‘kwa ditlhopheng…..’

Motswana a re, ‘Mohudi ga go fose wa tlhobolo fela,’ a raya gore, motho mongwe le mongwe o ka dira diphoso. A boe gape a re, ‘Nkgo go thubega e yang nokeng,’ a raya gore, motho go fosa yo o dirang. Yo o ntseng fela, a se ke a dira sepe, o ka fosa jang? Yoo, ga go na jaaka a ka fosa. Jaanong re tlaa amogela gore se se fa godmio sele, ke phoso, ga se ka bomo. Mme re nne re re, a re ne re ela tlhoko thata gore re kwala jang.