Blogs

Thoko ga se tiro

E ntse e le Setswana se re, ‘Maano a botshelo ga a site, go sita a loso.’ Se ntse se raya gore, fa botshelo bo le thata, se itlhoboge, batla leano lengwe la go itlhatlosa, o leke ka lone.

E le go sala mafoko a morago, gompieno re utlwa fa go na le kgwebo nngwe kwa Francistown, e bidiwa Monglachaa Company. Ga twe, kgwebo e, e tlhamilwe ngwaga ono o simologa ke banna ba le babedi, e bong Rre Molemogi Chalashika go tswa Tamasane, le Rre Oarabile Tauyatshipi, ene a tswa Goshwe. Ka tsela nngwe, banna ba, ba kopana mo Francitown. Go bolelwa fa Rre Chalashika a le dingwaga di le masome mararo le boferabongwe, Rre Tauyatshipi ene a le masome mabedi le bosupa.

Fa re leba dingwaga tse, maloba go ne go ka twe banna ba, e sale makau mme ka puo ya gompieno go tlaa twe ke banana. Malatsi ano makau le makgarebe ga a sa tlhole a le teng. Ga e re motho a aloga, a tlogela bonyana, go twe ke lekau, lekgarebe. Batho e nna bana, e nne banana, e nne bagodi. E re go ntse go twe, ‘banana, banana,’ bangwe ba botse gore, apole le namune tsone di kae fa go tlaa nna go buiwa ka banana fela jaana. Mme le gale, eo ga se ya rona a re e tlogele.

Re utlwa gore, pele ga ba dira kgwebo ya bone, Rre Chalashika le Rre Tauyatshipi ba ne ba dira ditiro dingwe tsa nakwana. Mme go a bonala ba nyatsa gore ditiro tse ga di na epe tema, kgotsa e teng mme ga se ya sepe.

Ka maano a botshelo ga a site, banna ba ba tlelwa ke mogopolo wa gore ba batle leano lengwe le sele, ba leke botshelo ka lone. Leano le e le eng? Leano le ya nna gore ba roke kapari ya batshameki ba kgwele ya dinao. Go bolelwa fa mogopolo o, o simologile fa go ne go lebeletswe motshameko mongwe kwa Gerald Estate kwa Francistown. Ga twe ka nako eo, go ne go tshameka Untouchable Swallows le Moselewapula DRC. Re utlwa gape gore, gone koo, go ne go le bana ba ga Rre Chalashika, ba apere kapari ya motshameko e ba neng ba e segetswe ke rraabone. Kapari e, fa re utlwa, ya kgatlha Rre Tauyatshipi thata, a e rata. Ya bo e le fa botsala le kgwebo di simologile. Bobedi jo, jwa kopana, jwa buisanya, mme jwa dumalana go dira kgwebo mmogo. Kgwebo ya kwadisiwa, mme jaaka re utlwile ya bidiwa Monglachaa Company.

Gore leina le, le raya eng, ga go bolelwe mme ke leina le leo. Beng ba kgwebo bone, ba itsetse go roka kae? Go bolelwa fa Rre Chalashika a re o ithutile go roka kwa Nortex, kompone e e segang diaparo. Jaanong potso e tlaa nna gore, yone kgwebo e tsweletse jang? Kgwebo e, e bolelwa e sale ntsha ka e simolotswe ngwaga ono, jalo he, ga e ise e tswele gope kgakala. Setswana sa re, ‘More (setlhare) ga o palangwe ka dikala. Se raya gore, tiro e simololwa kwa tlase, nako nngwe e nne bonya, mme e nne e gole le malatsi kana le dingwaga.

Fa e le tiro e tshwana le kgwebo, ga e re gone foo, e bo e setse e godile, e phophoma. Nnyaa, e tsaya nako mme e batle gore mong wa yone, a nne pelo telele. Le fa go ntse jalo, Monglachaa e bolelwa e solofetsa, e tsweletse pele sentle ka jaana ditlhopha tse dintsi di a e rotloetsa.  Gape ga twe Monglachaa, ga e rokele batshameki fela, le bone balatedi ba ditlhopha e a ba rokela mme ka ba bantsi, e bone dipoelo tse di tsopana. Se, se supa tota gore, kgwebo e, e a leka e batla go tswela pele, ya re ka moso ya bo e le golo gongwe. Mme go bona e tsweletse sentle, gongwe bangwe le bone ba batle go iteka ba bula tsa bone dikgwebo. Fa go ka nna jalo, e nne selo se se molemo thata.

Polelo e ya Monglachaa Company re e tlelwa ke Dikgang (Daily News/ Seetebosigo 22 2018). Fa e bua ka fa kgwebo ya Monglachaa e simologileng ka teng, Dikgang/Daily News ya re;

‘Bobedi jo…..ba ne ba nna le maitemogelo a gore ga se baroki botlhe ba ba itebagantseng le thoko ya diaparo tsa metshameko.’

Kgang fa ke gore, ga se gore baroki botlhe ba roka diaparo tsa metshameko. Bangwe ba a dira, bangwe ga ba dire ka gongwe ga ba itse go roka diaparo tsa mohuta oo. A mme o bonye lefoko ‘thoko’ fa godimo fale? A lefoko leo, le dirisitswe sentle go twe, ‘….. baroki ba itebagantse le thoko ya diaparo….’ 

Kgang ya rona gompieno ke gore, lefoko le, ga le a dirisiwa sentle. Ka tiro ya moapei ke kapei, a re ka re, tiro ya moroki ke thoko?  Nnyaa, re tlaa bo re fapogile Setswana. Fa re roka, re dirisa nnale le lomao go tlhaba le go goga tlhale. Thoko yone e dirisiwa go phunya maroba fa go dirwa dilo tse di thata jaaka dilo tsa letlalo, sekai e le diphate. Thoko ga se tiro ya moroki jaaka kapei e le tiro ya moapei. Tiro ya moroki ke go roka; thoko yone e dirisiwe fela jaaka nnale le lomao.