Naledi

Re etse tlhoko kgotlhang ya batho le ditlou � Tona Khama

Khama
 
Khama

Tona Khama o buile se kwa Palamenteng bosheng, a re lephata la gagwe le na le molawana wa go laola kgotlhang fa gare ga batho le ditlou. A re molawana o,o itshegeditse ka molao wa Tshomarelo Diphologolo le Makgabisanaga wa 1992, ka tshetlana ya masome a mane le borataro (46) le ya masome a mane le bosupa (47).

Khama o boleletse Palamente gore, ditshetlana tse a di umakileng, di sireletsa batho, dijwalo, leruo le kgokelo ya metsi le dikagelelo tsa mafelo a bone. O tsweletse a re, e rile kgwedi ya Phukwi e simologa ka ngwaga wa 2015, puso ya simolodisa molao wa go phimola dikeledi ba malwapa a batho ba ba bolailweng ke diphologolo tsa naga.

A re le fa thulaganyo e, e le teng, e e tla e kgorelediwa ke go tlhaela ga madi, ka go bo mhama wa temothuo o gola thata mme madi a a neng a lekanyeditswe a fele; ka jalo, ditiragalo tsa go gotlhagotlhana ga batho le diphologolo di oketsege.

“Dipalo tsa nako eno tsa ditlou mo Botswana di  gare ga dikete di le lekgolo le masome a supa,le dikete di le makgolo a mabedi le metso e supa(170,000-207,000),” go tlhalosa jalo Tona Khama; a tlhalosa gape fa dipalo tse di lebega di se dintsi fa go tshwantshanngwa le dipalo tsa kgaolo ya borwa jwa Aferika (Southern Africa). 

A re se se bakwa ke go sa tshwaneng ga dipaka tsa loapi mo kgaolong e.  O tsweletse a bolela fa go akanngwa gore, dipalo tsa ditlou di ka tshwara makgolo a dikete tse pedi le masome a mararo le bongwe (200,31) ka ngwaga wa 2027.

Mopalamente Mephato Reatile, yo o itlhopetsweng ke Palamente, e bile a kile a nna Mopalamente wa Ngwaketse Bophirima, o ne a kopile Tona Khama gore a tlhalose ka mananeo a puso e a tlhamileng go lwantsha seemo se se golelang pele sa kgotlhang fa gare ga batho le ditlou mo Botswana.

O ne a batla go itse gape ka dipalo tsa ditlou mo lefatsheng leno, le gore dipalo tse, di ka akanyediwa mo go bokae ka ngwaga wa 2027.

Ya re Tona Khama a re o kgwa setshwe, Mopalamente wa Francistown Borwa, Wynter Mmolotsi, a botsa tona a re,”fa phologolo e sentse, e a bo e sentse, a mme go siame gore fa o senyeditswe go bo go twe go lebelelwa gore ke phologolo ya mofuta mang?”

Khama a araba ka gore, “Dikgang tsa dikatso di laolwa ke molao o o leng teng, le fa re ne re ka eletsa go thusa botlhe, ga go kgonege”.