Naledi

Rutang Magosi molao � Lotlaamoreng

Kgosi Lotlaamoreng
 
Kgosi Lotlaamoreng

Dilelo tse tsa dikgosi di utlwala thata mo diphuthegong tsa kgotla, fa matona le tautona ba di buisa, tota le kwa Ntlong Ya Dikgosi. Seemo se, se lemogilwe jalo jaaka dingwe tsa Dikgosikgolo di ntse di tlogela maemo a tsone di siela ko sepolotiking.  Go sa tsewa tsia ga Dikgosi go senotswe nako nngwe ko Palamenteng ka Kgosikgolo Tawana Moremi II, mme erile ka Mosupologo beke e no, Kgosikgolo ya Morolong yo e leng mopalamente wa kgaolo ya Goodhope/Mabule Lotlaamoreng Montshioa II, le ene fela jalo a supa ngongorego

E rile a tshuba sekapamantswe sa gagwe go amogela tetla ya go bua go tswa mo go motsamaisadipuisanyo tsa palamente, Gladys Kokorwe, Mopalamente Lotlaamoreng a bolela gore puso e tshwanetse go tlhwaafalela go tlhabolola Magosi, a bolela fa e le keletso ya gagwe go bona Magosi otlhe a rutuntshiwa ka dithuto tsa semolao.

A re go ka nna maleba ka gore tiro e ba e dirang kwa dikgotleng tsa Setswana e tsamaelana le molao fela o o kwadilweng wa lefatshe leno. A re Magosi a bereka thata le dikgang tsa molao, tse dingwe tsa tsone di tlhokang go rarabololwa ka mabaka a farologaneng a molao le bosupi, gore dikatlholo e nne tse di maleba.

Mopalamente Lotlaamoreng o ne a tlhalosa gore fa Magosi a neetswe boikarabelo jwa go etelela le go tlhokomela merafe ka tsalo, bangwe ka tiro, mo go tshwanetseng gape ga nna mo maruding a puso go tlhomamisa gore ba neelwa kitso le itemogelo ya tsotlhe tse di tsamaelang le tiro ya bone, mme konokono e le kitso ya semolao.

 A re le fa Magosi a ka seke a tseye dingwaga tse dintsi ko dikoleng tse ditona go ithutela molao, go tshwanetse ga dira thulaganyo e e ka ba tlhofofaletsang tiro ka go nna ba direlwa dithuto seka dipuisano go tlhatlhelelwa ka molao gangwe le gape.

Go tlhoka go itse le go tlhaloganya molao mo ga Magosi, mopalamente Lotlaamoreng o papametse fela a bolela fa go ba berekisa bokete thata.

E ne ya re Lotlaamoreng a ntse a bua Mopalamente wa Boteti, Setlhomo Lelatisitswe a mo tsena ganong a re, o kopa gore Kgosi a tlhalose gore a reng ka Magosi a a tlogelang bogosi go tsena mo polotiking, se ya seka ya nna sepe se se ka opisang Lotlaamoreng tlhogo, mme a araba fela ka gore tota ene potso e ga a na karabo ya yone ka a sa itse.

O ne a raya Lelatisitswe gore a ye  go botsa kwa Ga-Mmangwato ko Serowe gore, ba reng ka Magosi a a tsenang mo polotiking.

“Nnyaa ga ke itse motlotlegi, o ka ya go botsa kwa Ga-Mmangwato ko Serowe gore ba reng ka Magosi a a tsenang mo polotiking, eseng o botsa nna,”ga araba jalo Lotlaamoreng. .

Mabapi le kgaolo ya gagwe Lotlaamoreng o ne a lela thata ka letlhoko la ditsela, le go tlhaela ga metsi mo metseng ka bontsi. A le bone bogodu bo a ba tshwenya, mme go le botlhokwa thata gore puso e tlhomamise gore e thusa thata ka ditlamelo gore batlhophi ba gagwe ba seka ba babalelwa ke mathata a. Letlamoreng a re  dipula tsa bosheng di tlogetse tshenyo e e maswe mo dithotong tsa batho gammogo le ditsela mme a kopa khansele ya Borwa go tla ka tharabololo ya go baakanya ditela tseo.