Naledi

Tlogelang go lomana ka meno

Sekai ke sa bosheng,  jaaka gone go diragala ko lekgotleng la mabelo (BAA), le mo go lone go iphotshitseng maloko a le mmalwa, mme ebile bangwe ba ntse ba tswa ka bongwe ka bongwe. Lekgotla le la mabelo la Botswana le tswa kgakala le sa robalelwa ke ditlhokwa, mme tota ntwa kgolo e le go kgalwa bobe ga komiti, bogolojang maloko mangwe a a gogang kwa tlhogong ke ditlhopha tse eleng maloko a lekgotla.

Ditlhopha tse di nna fela di kgala thata komiti ka se ba reng ke go sa tsamaisiweng sentle ga lone, selo se re eletsang go se kgala ebile re sa kgale mathe ganong.

Re bona seemo se se busetsa maikaelelo magolo a BAA kwa morago, bogolo jang go dira batho ba ba senang maikaelelo ape a a botoka, fa e se go senya fela. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, go kile ga tsoga kgaruru e e tlodisang ditlhase mo phuthegong ya lekgotla, le.  Ka nako eo, monnasetilo wa BAA e ne e le Thari Mooketsi, yo o neng a supiwa ka monwana ke maloko mabapi le se ba neng ba re ke go tsamaisa dilo ka tshokamo ga gagwe, fa ene a ne a bolela gore o bopelwa kgomo ya mmopa. 

Kgaruru e, e ne ya fela ka go fologa setilo ga ga Mooketsi go sutela ba basha go ka etelela lekgotla le la mabelo la Botswana go ya pele. Se re eletsang go se lemotsha ke gore le bone ba basha ba ba neng ba tsena ba, go ne ga seka ga itumedisa ka dikubetsano tsa bogogi le ditlhopha di ne tsa nna tsa utlwala,. 

Fa gongwe go lwa o ne maloki a komiti ka bo o ne, jaaka go kile ga dirafala gore mogolwane Glody Dube a kgarameletswe kgakala ka ntlha ya go ntsha ngongora mabapi le ka fa dilo dingwe di sa dirweng sentle ka teng.

Ga se lekgole la BAA fela, le a mangwe jaaka  JUDO le Karati, go nankola a se kae fela.  Re ntsha mogopolo wa gore go nne le Pitso ya Mekgatlho ya metshameko go leka go rarabolola madubedube a.

Le fa erile morago ga Dube a fenya ditlhopho gape go boa a nna leloko la komiti e, e ne ya re bosheng a latlhela ka go ntsha mabaka a gore o na le ditiro dingwe tse a eletsang go inaakanya le tsone, ka go rialo a sa batle gore a tloge a kgoreletsege ka a go tshwara ka mabedi a sa nwe tee, fela se sa lebega se bulela motshitshi wa dinotshi mo ditlhopheng dingwe, tse di neng tsa tloga tsa tlhasela komiti le bogogi jwa yone.