Blogs

Foo, ga re bue Setswana

Ditlhare dingwe ke tsa maungo, tse dingwe ke tse di orwang, dingwe go betliwa ka tsone, fa tse dingwe di aga. Godimo ga ditlhare, go dimela jaaka morama le sengaparile, tsone le tsone di ntse di dirisiwa ka ditsela dingwe.

Morama o a jewa, e bile o bolelwa o na le dikotla thata le mahura a agang mmele go feta mahura a mangwe a re a a jang.

Dilo tse tsotlhe di bolelwa e le lehumo le le tshwanetseng go tlamelwa, go somarelwa. Go twe, fa di ka se ka tsa tshwarwa sentle, di tlaa re latlhegela mme re bo re ka tlhola re di bona kae? Go bo go ile.

Fa motlopi o sa tlhole o na le peo, o sa tlhole o ka tlhoga, ga go gope kwa re ka tlhong re o bona teng. E re re gopola mosola wa one, ke gore, ka fa re neng re o dirisa ka teng, re hutsafale thata.

Re gopole monate wa maungo a one, re eletse tee/kofi e e monate ele ya one, mme dilo tse, re se ke re di bone gope ka motlopi ke oo, o tlaa bo o sa tlhole o le teng.

Re hutsafale, e re re ikgomotsa re re, ‘Se ileng se a bo se ile lesilo ke moselateledi.’ Mme moo, e bo e le go leka go thethebatsa pelo fela, go ka se ke go thuse ka sepe.

Ka gone gore lehumo le le tshwanetse go somarelwa, re utlwa gore, e ne ya re kgwedi eno (Phukwi) e simologa, ba lephata la di tsa tlholego ba tshwara phuthego kwa Lorolwane mo kgaolong ya Borwa.

Ga twe gone koo, mongwe wa lephata le, o ne a nna a gatelela gore lehumo le, le tshwanetse go tlhokomelwa.

A bua jaana ka gore, dilo tse, ke tsa rona rotlhe re le setshaba, ga se tsa ga ope a le nosi.

Ga twe Mme Dikoko o ne a bolela fa di tsa tlholego dingwe di tseelwa teseletso fa motho a bapalela go ya go rekisa.

Mo, e le go leka go thibela gore, batho ba se ka ba gogola fela, ba lwela go ya go tlatsa madi ka dikgetsi tsa bone.

Godimo ga moo, go bonala go na le molao wa gore, fa motho a bapalela go ya go itirisetsa dilo tse, o tshwanetse go bapala ka selekanyo sengwe.

Fa a ka sala molao oo morago, ga a duele sepe;  mme fa a ka o fapoga, foo gone o a duela.

Re utlwa gore, fa motho a itse gore o tlaa fetisa selekanyo se se beilweng, o tshwanetse go tsaya teseletso kwa go ba Lephata la Dikgwa.

Ga twe,  mme fa a ka feta selekanyo seo, a sa tsaya teseletso eo, o tlaa atlholwa. Se, e a bo e le go otlhaela motho go iteba a le nosi, a lebala gore ba bangwe le bone ba teng, ba ka batla go dirisa selo seo. A lebala gore, go na le go kgaogana tlhogwana ya ntsi.

Go ya ka pego e re e bonyeng, kgang kwa phuthegong ele, ya se ka ya nna fela ka go babalela di tsa tlholego.

Go begwa gore, mo godimo ga seo, morafe wa Lorolwane o ne wa lela ka ditlhwatlhwa tsa sengaparile.

Ga twe morafe o ne wa re, go epa sengaparile go bokete e bile go diphatsa ka gantsi ba kopana le dinoga tse di maswe mme madi a se rekwang ka one, one a kwa tlase le mororo go twe a okeditswe.

Gape, ga twe ba re, ba duela teseletso ya go rekisa.

Mme go bonala selelo sa bone se sa ba busetsa sepe ka ga twe ba ba rekang le bone ba ne ba iphemela. 

Go utlwala fa kompone nngwe, e e bidiwang Matebeleng, e le yone e rekang sengaparile kwa Lorolwane.

Go bolelwa fa e rile a araba morafe, mogolwane wa Matebeleng a re, go rekisa yo o batlang, mme e bile  le bone (Matebeleng) ba a turelwa fa ba tlhotlha sengaparile gore ba tle ba se rekise ka kwa ntle ga Botswana.

Fa mafoko a nna jaana, ga a nametse, e bile bangwe ba ka tlelwa ke mowa wa go itlhoboga.  Rotlhe re batla go rekisa ka re a bo re solofetsse go bona sengwe sa go ka re suteletsa fa pejana. Jaanong fa go lebega re ka se ka ra bona sepe, re le bantsi re ka itlhoboga.

Ga e a re go batla mahulo, ra ya gope kgakala. Re ne ra nna ra okomela Dikgang (Daily Newws/Phukwi06 2018) mme re kopana le pego e, ya phuthego ya Lorolwane mo go yone.

Fa e bua ka fa mogolwane wa Khampani ya Matebeleng a neng a bua ka fa khampani e e rekang sengaparile ka teng, Dikgang/Daily News ya re;

‘E ne e rile go le pele mogolwane wa khampani…..ya bolela fa e okeditse madi…..’

Temana e, e bolela fa madi a okeditswe mme jaaka re utlwile fa godimo fale, batho bone ba ntse ba a a galala, ga ba bone a lekanye.

A jaanong o bonye lefoko leo, le le reng ‘ya?’ A le dirisitswe sentle, a le nyalana le lefoko ‘mogolwane?’ Mmualebe   a re , nnyaa, ga go nyalane. Go kwala/bua sentle, a e re boemong jwa  ‘…..ya…..’ re  re, ‘a.’  Foo, re tlaa bo re re, ‘…..mogolwane….. a…..’ mme go dumalane, go nyalane. Mme fa re re, ‘mogolwane….. ya…..’ foo ga re bue Setswana, re bua puo e sele fela.