Naledi

Baikopedi ba babalelwa ke go tlhoka metsi

SENEPE: ZOLANI KRAAI
 
SENEPE: ZOLANI KRAAI

Kwerepe o ne a araba potso kwa Palamenteng bosheng, a bolela fa batho ba le lekgolo, masome a matlhano le bongwe (151), kwa kgaolong potlana ya Tutume, ba sa ntse ba letile go thusiwa ka dihutshane. Kwerepe o ne a araba potso e ne e tla ka Mopalamente wa Nata-Gweta, Paulson Majaga. 

Majaga o ne a boditse Tona Eric Molale, a arabelwa ke mothusi wa gagwe Rre Kwerepe, gore a o itse fa baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma, ba ba neng ba abetswe dipodi le dikgomo, ba se na kwa ba nosang teng.

A re seemo seo se ba beile ka fa mosing ka ba setse ba gapelwa loruo ke beng ba didiba, ka ba sa kgone go duelela go nosa dihutshane tsa bone.

E rile a tswelela a araba, Kwerepe a bolelela palamente gore ka fa tlase ga lenaneo la tlhabololo metse e e kgakala le ditlamelo (RADP) baikopedi ga ba thusiwe ka dihutshane ba se na kwa ba ka nosang teng.

A re metsi ke bontlha bongwe jwa melawana ya go ka sologelwa molemo ke lenaneo la go thusiwa ka loruo. Le fa go ntse jalo, Kwerepe a re dithulaganyo di tsweletse go hirisa didiba dingwe go thusa baikopedi ba mafelo a a kgakala le ditlamelo.

Ka ntlha e nngwe, Mothusa tona Kwerepe a re, mabaka a mangwe a a diyang go atolosa lenaneo la nyeletso lehuma ke go diega ga ba Koporase ya Metsi (WUC) go gokela metsi. A re mhama o o amegang ke wa tlhabololo loruo le temo ya dijwalo.