Naledi

Ditlamorago tsa marang a letsatsi

Malatsi ano, tota fa e sale ke fudugetse mono, ke lemogile fa marang a letsatsi la mono a le bogale, e bile a ntse a galefelela pele.  Kwa ntle ga gore a borai mo mebeleng ya rona, marang a letsatsi a ka dirisiwa go fetlha motlakase (solar power) Sethwatsho se sengwe sa maranyane a inthanete ke sa mosadi yo a neng a babalelwa ke marang a letsatsi a kgweetsa sekgele se se leele fa gare ga ditoropo tsa Bokone jwa Amerika.

A o bona pharologanyo ya sefatlhego se, ka fa molemeng le moja? Barutegi ba maranyane a metswako (chemistry) ba ka itse se, ka ba kgona go sekaseka boleng jwa sedirwa gore se na le botshelo jo bo kana kang pele ga se ka dirisiwa. Le gore se ka tsaya nako e e kae go senyega pele ga se dirisiwa. Fela jalo, letlalo la motho le lone fa le babalelwe ke marang a letsatsi, le ka senyega mo nakong e e rileng.

O ka kgona go laola seemo se jang? Ke potso e ntle e re ka e ipotsang, mme nna ke gakolola gore, re se ka ra dirisa ditlolo tse di farologaneng e bile re sa itse metswako ya tsone. Metswako mengwe e ka re gakaletsa seemo sa go nna jaana, e bile e ka kgona go baka kankere ya letlalo.

Jaanong, karabo ya potso ele ke gore, re ka kgona go laola seemo sele ka Green Tea jaaka e tlwaetse go bidiwa. Dipatlisiso di supa fa e na le motswako o o bidiwang “catechins” o o thusang letlalo go itshireletsa mo marannyeng a letsatsi.

Bangwe ba re Green tea e dira pharologanyo e ntsi mo go tlhokomeleng letlalo. Patlisiso nngwe kwa Mmadikololo mongwe kwa Manchester. UK, e ne ya akaretsa baithaopi go tsaya motswako wa catechins le wa Vit C, sebaka sa dibeke tse lesome le bobedi, e le selekanyo sa dikopi tse pedi tsa green tea. Maduo pele le morago ga go dirisiwa ga motswako o, a ne a supa fa letlalo le sa babalelwe thata ke marang mme e bile go sha letlalo go fokotsegile thata mo sebakeng sa patlisiso e. E ke patlisiso ya ga Lesly E. Rhodes.

O ka tlhopha jang Green tea e e nang le boleng? O ka utlwa ka monko o o bonolo wa yone. Lekeletsa tatso ya one go se go nene mme fa e le gore ke e e siameng, o tlaa utlwa ka monko o o monate wa yone le tatso e e salelang mo lolemeng. Fa e le gore tatso e botlhokwana kana e mahura, batla e sele.

Tee e e tlhwatlhwa ya Green Tea, e ka lopa P200,00 mme fa o e batla o ka ikopanya le rona go na le gore o reke e e senang boleng.

Mosolo o mongwe wa tee e ke go:

thusa makoa a pelo, tlhwatswa letlalo le go fokotsa go tsofala bogolo segolo letlalo.