Naledi

Ba Ghanzi ba tlaa agelwa lebala la Metshameko

 

Mzwinila o buile jaana bosheng kwa palamenteng e e tsweletseng, a re lephata la gagwe le tshwaraganetse tiro e, le lekgotla la 2012 OlympicAfrica International Foundation. A re tiro e, ya go aga lebala, e tlaa simololwa monongwaga jaaka go rulagantswe. O boletse fa lefelo le go tlaa agiwang mo go lone le setse le bonwe,le one madi a go aga a setse a le teng.

Tona Mzwinila, yo gape e leng Mopalamente wa Mmadinare, a re baemedi ba OlympicAfrica International Foundation ba tlaa etela mono Botswana ka Moranang monongwaga, ka maikaelelo a go tla go sekaseka lefelo le go kopana le banaleseabe, go balelwa le puso ya Botswana, e emetswe ke lephata la gagwe.

Mzwinila o tsweletse a tlhalosa fa baitseanape ba mono gae, ka go farologana ga dikitso tsa bone, tsa mealo le boranyane, ba tlaa nna bangwe ba ba tlaa thusang fa OlympicAfrica e kgonneng teng ka kago ya lebala le.

Noah Salakae, yo e leng Mopalamente wa Ghanzi Bokone, o ne a boditse Tona Thapelo Olopeng, yo a neng a arabelwa ke Mothusa tona Mzwinila, gore a dithulaganyo tse di ntseng di le teng tsa go aga lebala la metshameko le le botlana kwa Ghanzi, di tlaa diragadiwa monongwaga.

E rile a tlaleletsa potso ya gagwe, Mopalamente Salakae a kopa go itse fa go setse go thapilwe rakonteraka, mme Mothusa tona Mzwinila a bolela fa thulaganyo eo e tlaa dirwa morago ga go rurifadiwa ga madi a tlaleletso go tswa mo pusong ya Botswana.

A re le gale, madi a a setseng a le teng ke dikete di  le lekgolo le masome a matlhano a ledi la Amerika (150,000 US dollars) mme go sa ntse go tlhaela dikete di le masome mararo (30,000 US Dollars) go dira sedikadike le ditousane di le borobabobedi tsa Pula (P1,8 million), madi a puso e tlaa a ntshang.

Mzwinila a re, ka jalo, tsholofelo e e tsepameng ke gore, ka madi ke ao a a tlhaela, puso e tlaa thusa, e tlatse, mme lebala le agiwe.