Naledi

Selepe se okame tsa liki ya Debswana ya Bokone

SENEPE: KEOAGILE BONANG
 
SENEPE: KEOAGILE BONANG

Dithopha tsa bokone mo liking ya BTC tse di aparetsweng ke mathata ka go farologana, di iphitlhela di lomile serota dithopha tsa borwa kwa tlase ga liki eo, e bile di gomagometswa ke go fologela tlase.

Tsone ke Lovers, Hotspurs, Nico, Miscellaneous le Sankoyo.

Fa dithopha tse tharo mo botlhano jo, bo ka seke jwa atlega mo go tileng go wela tlase kwa liking ya ntlha ya Debswana, go tla raya gore dithopha tse di lwelang ntwa ko mogatleng wa liki ya ntlha ya Debswana, di le tlhano, di ka fologela ko tlase ko liking ya bobedi.

Ntwa e e mashetla e bolotse ko tlase ga liki ya ntlha jaaka dithopha tsa Real Movers, Maun Tigers, Morupule Wanderers, GNT, TASC le FC Satmos di lwela go sireletsa maemo a tsone mo liking.

Fa ele Satmos yone, go mokwalo o go ya gae o setse o kwadile, le fa o ise o romelwe.

Ka mafelo a beke e re tswang go yone, dingwe tsa dithopha tse, dine tsa tlodisana koi thata! TASC le Real Movers di digile mekaloba Motlakase le Chobe United ka nno tse pedi go lefela le tse pedi go e le nngwe ka go latelana. Maun Tigers yone, ya nkgisana magwafa le ECCO City Greens ka nno tse pedi setlhopha.

Morago ga phenyo ya bone kgatlhanong le setlhopha se se lwelang bosimega sa Motlakase, mokatisi wa TASC Simeon Omphile o supile fa ba le malala a laotswe ka seemo se se tlaa diragalang ko liking ya BTC.

Mo motshamekong o le si wa Sontaga sethopha sa GNT sone se ne sa phirimisa ditoro tsa Satmos ka nno tse tharo go lehela. 

Ntha tse pedi tsa GNT di tsene morago ga boitapoloso ka Aobakwe Mopaki, le ya ga Segaise ya bobedi. Ka motsotso wa bo masome a matlhano, Mopaki o ne  amogela kgwele mo mojeng a feta ka motshameka morago wa Satmos Mothusi Gasha go ka tsena mo lebokosong , mme a rapalatsa mogagamola kwa kwateng e kgakala ya motshwara dino go dira tse pedi go lehela.

Moragonyana, ka motsotso wa bo masome a marataro le boraro, Segaise a kokotela sepekere sa bohelo mo kesing ya Satmos morago ga gore motshwara dino Morambiwa Ndlovu a phaile thago e e mogote ya ga Mopaki.

Segaise a tsapoga jaaka motshameka pele a tsenya kgwele monwana wa kgonotswe go dira the tharo go lehela. Moragonyana, GNT ya itirela go rata le go kgona ka Satmos e jaanong e ne e tsenwe ke mowa wa go ithoboga. Mokatisi wa Satmos Kgosietsile Jacob a bo a sa tshwenyega thata ke motshameko.

A supa fa botshelo ja bone mo liking ya ntha bo fedile. “Re tla boela ko morago re ya go ithokotsa sesha mme fela seemo jaanong se dule mo taolong ya rona,” ga bua jalo Jacob.