Blogs

A go ntse jalo?

Le fa go ntse jalo, go bonala mo go bangwe, molaetsa o, o sa tsene ka re bona matlakala e le ao a ntse a latlhelwa fela gongwe le gongwe. Fa go nna jaana, e felele e ntse e le matlakala, e le leswe, pharologanyo e nne fela gore, a dule fa a neng a le teng pele, a latlhelwa golo gongwe go sele. Mme ka ke matlakala, a nne a tlatse tikologo leswe, a e kgotlele. Seemo se, se nne se tshwenye ka leswe ga se selo se sentle, ga le ratege, e bile le ka re tlela ka malwetse a a maswe thata.

Bongwe jwa malwetse a, bo bolelwa e le malaria. Ga twe bolwetse jo, bo anamisiwa ke monang (montsana) ka o rata leswe, mme bogolo jang fa go leng metsi teng. Ka one mabaka a, kgang e nne yone ele. Go twe, a re eme ka dinao, re tlose matlakala fa tlase ga rona ka ditsela tse e leng tsone, e seng ka go a gasagasa.

Go leka go lwa ntwa ya go phepafatsa tikologo, re utlwa fa kwa kgaolong potlana ya Tonota, go tlaa simololwa lenaneola go dira tiro e. Lenaneo le, le bolelwa le kopanetswe ke lephata la phepafatso tikologo la Khansele le bogosi mme le tsaya metse yotlhe e e ka fa tlase ga kgaolo potlana e. Pego e re e bonyeng, e supa fa go na le megopolo e e farologanyeng ya go dira tiro e. Re utlwa fa mongwe wa megopolo e, e le go rotloetsa batho go boa ba dirisa matlakala gape. Pego ya re, go a busetsa mo tirisong.

Matlakala mangwe a re tle re bone a gasame thata le naga ke dipampiri, dipolasetiki, le ditshitswana, tse bangwe ba reng ke meteme, kana ditsiri; bangwe ba re mebolopita, mme bontsi malatsi ano bo re dithini. Motlha mongwe, re bone dilwana dingwe di rekisiwa di dirilwe ka dilo tse, di ne di selwa e le matlakala. Jaanong go lebega kwa Tonota mogopolo e le gore, a go tlhagafalwe, go selwe matlakala, mme a boe a dirisiwe gape, ka se, se ka thusa thata go phepafatsa tikologo. Fa tsone dilo tseo, bogolo jang dipampiri le dipolasetiki, di ka selwa, tsa dirisiwa gape go dira sengwe, a di ka tlhola di bonwa di gasame mo? Nnyaa, ga re dumele go ka nna jalo. Re dumela gore, tikologo e ka lebega botoka thata bangwe ba bo ba tsamaye ba bolela Botswana ka bophepa.

Mme ga se moo fela. Tsela e nngwe e nne gore, a matlakala a phuthwe kana a kgobokanngwe, a bewe sentle. Ka ke ao a tlaa bo a phuthilwe, thulaganyo e nne gore, ka malatsi mangwe, koloi ya matlakala e tlaa tsamaya le metse e e farologanyeng ya kgaolwana e, go a tsaya e a isa otlhe fela kwa a tshwanetseng go felela teng. Go tswelelwe le mogopolo go twe, mongwe wa ofisi ya tlhokomelo tikologo, o ne a re ofisi ya gagwe e tlaa thusa botlhe ba ba batlang go dirisa matlakala gape. Ga twe, batho bao ba ka fiwa teseletso ya go ya go sela matlakala kwa lehuting le letona, le bangwe ba reng ke skiti. Ke mang yo e ka reng a batla go dirisa matlakala, ya re go buiwa jaana, a se ka a tiya moko? Ruri ba le bantsi ba tshwanetse go ema ka dinao mme tikologo ya lebega.

Jaaka gale, re ntse re atametse Dikgang (Daily News/Seetebosigo 22 2018) mme re fitlhela pego e, ya phepafatso tikologo kwa Tonota mo go yone. Fa e bega ka fa mongwe a neng a bua ka teng ka thulaganyo ya go phepafatsa mo, Dikgang/Daily News  ya re;

‘Mogolwane mo….. o boletse fa maikaelelo magolo e le go rotloetsa setshaba go nna mabogodika mo phepafatsong tikologo…..’

Temana e, e bolela fa maikaelelo a lenaneo la go phepafatsa tikologo, a kgaolo potlana ya Tonota, e le go rotloetsa batho go dira tiro e mmogo, ba e tshwaraganetse. A o bonye lefoko ‘mabogodika’ fa godimo fale? Kgang gompieno ke gore, lefoko le, le raya eng? A le dirisitswe sentle? Thanodi ya Setswana fa e tlhalosa lefoko ‘mabogodika’ ya re ke, ‘mokgwa wa go kgona go dirisa mabogo otlhe.’

Re itse gore, ka tlholego, batho bontsi re dirisa lebogo le le lengwefela, la moja/nja. Bangwe, e le palo fela e e kwa tlase, ba dirise la molema, kana, la ntsogotlho, fela jaaka bangwe ba dirisa la moja.. Mme ba bangwe bone ba bolelwa ba kgona go dirisa mabogo a otlhe; motho a dirise la molema fela jaaka a dirisa la nja, mme go ya ka Thanodi go twe, motho yoo, o mabogodika.

Mme gape, lefoko ‘mabogodika’ le dirisiwa e le lenatetshapuo. Fa motho a dira ditiro tse dintsi nako e le nngwefela, a tshwara kwa le kwa, ga twe o mabogodika. Dimenye o ka batla go sega diphate, go loga disigo, go betla dikika le dikgamelo, le go aga matlo a Setswana. A o ka kgona ditiro tse tsotlhe, a le nosi? Nako a e bona kae? Nnyaa. Ke gone Setswana se re, Dimenye o mabogodika, ga a na tiro epe ya tlhomamo.

Re wetse kgang ya rona re re, a go ntse jalo? A fa batho ba tshwaraganetse tiro, ba e dira mmogo, ga twe ba mabogodika jaaka re utlwa Dikgang/Daily News e bua? Ga re dumele gore go ntse jalo. Wena ka koo wa reng?.