Blogs

A re o sekegele tsebe

E re o feta, o bona lesaka leo, o tseye gore ke la nnete, mongwe o thibelela foo. Go ye kae? Morago ga malatsi o utlwe go twe,  leo lesaka, e ne e se la nnete, e ne e le la bogodu.

Dingwe go twe, di tlhabiwa bosigo, di rwalwe ka dikoloi, di isediwe batho bangwe, se e le thulaganyo ya batho bao, le one magodu ao. Tse dingwe gape, di tsewe e sa ntse e le marole/morole, di sa tshwaiwa. E re ka ga di a tshwaiwa, legodu le fete le di tshwaye letshwao la lone. Fa le dirile jaana legodu leo, le bo le ka ganediwa ke mang gore dikgomo tseo ke tsa lone? Kgang e nne thata. Yo e leng mong wa tsone tota, ene a bo a ka di supa fela ka mmala gore ke tsa gagwe, ka letshwao gone a se gope. Bangwe gape ba bolelwa ba di tsaya e le matimela. E re kgomo e timeletse kwa ga Bodikelo, a se ke a e begele molao, a e tlhatlhele mo sakeng la gagwe. Mme fa go se na ope yo o ka lemogang gore kgomo eo, ga se ya lesaka leo, e bo e ile, a bapetse Bodikelo.

Gompieno re utlwa fa lengwe la mafelo a bogodu jwa loruo, bo thibeletseng mo go one, e le motse wa Kang kwa Kgalagadi Bokone. Go supa fa tota bogodu bo, bo sa robatse batho, ga twe Kgosi Seipone a re koo ga go utswiwe, go tsewa fela; ke gore, go tlhagafetswe go a utswiwa. Ka go buiwa ka dikgomo, fa e le gore magodu a, a utswela go rua, go raya gore maraka a bone a tletse. Mme fa a utswela go rekisa, dikgetsi tsa bone di tletse madi fa beng ba loruo bone ba iphotlhere  jaaka re utlwa go twe masaka a sala a tswetswe ka matlhaku; ke gore, a se na sepe. Di ile dikgomo. E nne seemo se se botlhoko thata.

Re itse gore, botshelo jwa Motswana bo ikaegile ka kgomo. Motswana tota ga a dumele fa motho a ka tshela kwa ntle ga kgomo. Ke sone se motlapele a reng, ‘Kgomo makgomola diretseng,’ a raya gore, ka kgomo, motho o kgona ditiro tse dintsi, le tse di thata tota e mo inole mo go tsone. Mme fa e ka re o le Motswana fela, o bapetse namanyane tse pedi, tse tharo, motho a tswa koo, a tla go di go amoga, o bo o ka tshela jang? Go nna thata, ditiro di eme, bana ba wele mo isong ke tlala. Ka loruo ga lo tshedise mong wa lone fela, lo thusa gape le go tlhatlosa itsholeleo ya lefatshe, e ka re fa bogodu bo, bo ntse bo tsweletse itsholelo le yone ya koafala.

Ka maano a go utswa loruo ke ao, a bolelwa a le mantsi, potso e nna gore, kwa Kang gone, go dirisiwa afe? Koo, ga go lebege go dirisiwa maano ape a a thata. Ga twe kgosi a re, go utswiwa motshegare, tsatsi le penne, dikgomo di tsewa fa gare ga motse, dingwe di ile go nwa kwa letsheng, tse dingwe kwa ledibeleng la sekole se segolwane sa Matsha ka metsi a nna a tshologa foo. Go reye gore, magodu a emela fela gore dikgomo di ye go nwa, mme e bo e le gone fa a tlaa ja mogopo o tletse. E re di wela, a di sale morago kana di a fitlhele koo mme a itlhaolele tse a di batlang. Fa mong wa dikgomo a re o ya go di tlhatlosa, kgotsa o ya go gorosa, a fitlhele di ile.

Fa seemo se ntse jaana, potso e re, tsela pedi re tsaya efe?  A ke re tlogele fela, kgotsa, re dire jang?. Karabo e re, a re se itlhoboge, a re leke go thibela dilo tse. Ka tsela efe?  Ditsela dingwe tsa go lwantsha bogodu jo, ke tse go tweng kgosi o ne a di umaka fa a bua le barui. Ga twe, kgosi o ne a re fa go bonwa motho a gateletse dikgomo tse e seng tsa gagwe, go itsisiwe mapodisi. Kgang e, e buiwa nako tsotlhe, ka bogodu botlhe,  e seng jwa loruo fela. Go twe, fa o bona sengwe se belaetsa, e ka nna sa bogodu, akofela go loma mapodisi tsebe. Tsela e nngwe ke gore, a go se bewe fela gore badisa ba teng, ba tlaa tlhokomela. A barui le bone ba tlhokomele, ba se lebale gore, moleta thaga o ja nayo. E jele ka kwa thaga, moleti a jele ka fa, o sale ka eng? O tshware lephoro.

Re ntse re okometse Dikgang (Daily News/Motsheganong 8 2018)  mme re bona polelo e ya bogodu jwa loruo kwa Kang mo go yone. Fa e ntse e bega ka fa kgosi a neng a bua le barui ka teng,    Dikgang/Daily News  ya re;

‘O ne a gakolola barua-kgomo…..go rekegela mokgosi wa mapodisi…….’

Fa, ga twe kgosi o ne a re barui ba tlhame makgotla a ntebela ke go lebele go lwantsha bogodu. Jaanong lefoko ke leo ga twe ba  ‘rekegele mokgosi.’  Kgang ya rona gompieno ke lefoko le. Re botsa gore, a mokgosi o a rekegelwa? Ga re itse go ntse jalo. Re itse gore, mokgosi, jaaka mafoko, o sekegelwa tsebe, o tlhwaelwe tsebe, go raya gore, o reediwe thata, go bo go dirwe jaaka o bua. Sekai fa e le gone go tlhama makgotlana a ntebela, ke go lebele.  Jaanong, a re sekegele mokgosi oo tsebe, e seng re o rekegele.