Naledi

Dineo o amile bagwebi

 

Naledi e ne ya tlhotlhoma le marekisetso mangwe kwa Broadhurst mme ya fitlhela selelo sa mmaiyoo! Mekgele ka mebala ya yone, difatlhego tsa barekisi di tletse matlho a a tletsetletseng, ka tsholofelo ya bareki, go se nko e senang lemina. Ya bo ele matoditodi a batho ba raletse mesarasarane, fale le fale bareki bangwe ba reka dilekere le meko ya tholo.

Fa ele theko ya gale le gale ya dijo tsa sefitlholo le tsa motshegare, tsa boa le morekisi. Pula ya bo ele sekganedi sa medupe se kganela bareki go etela metlaagana ya bagwebi.

Mo potsolotsong le Rre Awali Basirwa, yo e leng mogwebi wa diaparo, o boletse fa kgwebo e le tsela ya gagwe ya go itshetsa e ba lelwapa la gagwe.

A re fa e sale pula e na ka medupe kgwebo ya gagwe ga e dire sentle gotlhelele. Basirwa a re ka dinako dingwe, o ne a innela mo lapeng a sa ye kwa marekisetsong a gagwe.

A re bosheng dilwana tsa gagwe di kolobile tsotlhe ka gone go sena gore o ka di phuthela kae. “Bogolo fa re ka letlelela go koleka madi re le bagwebi ba ba botlana, ra aga moriti o o sireletsegileng go rekisetsa mo go one” a bua jalo Basirwa.

Rre Pabalelo Taka, ene e le mogwebi wa dijo tsa setso, jaaka mmidi le ntŝhe masimo, a re dipula tsa bosheng di amile kgwebo ya gagwe thata. A re go na ga dipula ka selekanyo se se kwa godimo,go bakile gore, dijwalo tsa gagwe di tsenwe ke metsi, le go senyega ga tsone. “Re lebogela pula mme gape e nele ka mmetela, ko masimo gone  gane go roba sepe se se kgotsofatsang,” Taka a rialo. 

O tswelela a re, dikgwebo tse di tona di ba bolaisa kgaisano ka lebaka la gore tsone di letleletswe go reka kwa ntle dijwalo tsa boleng fa bone ba sa fiwa tetla eo.

Ofile sekai ka mabenkele mangwe, a a reng a rekisa Mengo ka P3,50 fa bone ba rekisa ka P5,00, a re go dira jalo go ba kobela bareki ka ba tsaya gore bone ditlhwatlhwa tsa bone di kwa godimo.

Mme Unangoni ene, a tlhalosa fa a simolotse kgwebo e, ya go rekisa borotho jo bo hupileng nama bogologolo. A re fa dipula di na ka bokete jo bo kana, kgwebo ya gagwe e a amega thata.

A re o rekisetsa mo paeng mme go sena sepe se se ka thibelang dijo go newa ke pula mme tsa senyega. Fela jaaka Rre Taka, Unangoni a re ga a solofele sepe mo thobong ka ntata ya dipula tsa bosheng.