Naledi

Tshenyo ya merwalela e opisa bannaditilo ditlhogo

Fa ele dikhansele tsone, selelo ya bo ele se se botlhoko sa ngwaga le ngwaga, ka di ngathelwa lemmenyana le le sa lekanang ditlhobalolo tse di rulaganyeditsweng, bogolosegolo tsa ditsela.

Go dikhuti, go senyega ga mesele ya kgopo ya metsi a pula le leswe, e seng fela mo ditoropong, le kwa metseng selegae.

Mme jaanong morago ga dipula tse di bidiwang Dineo tsa bosheng, ditsela di ne tsa senyega thata, mme seemo se se tlogetse bookamedi jwa dikhansele, le ya Gaborone tota, bo ipotsa dipotso gore nadi a go baakanya ditsela tse a ya go bonwa kae.

Kwa Kgatleng gone, Dineo o ne a goroga ka metsi  a a bokete mme fela jaaka go ne go solofetswe, o ne a tlogela ditsela dile dintsi di sa tsamaege. Tshenyego e ya ditsela e ne ya nna borai mo matshelong a batsamaya ka dinao le bakgweetsi.

Ditlamorago tsa merwalela e dine tsa bakela monnasetilo wa khansele ya Kgatleng, Mpho Morolong kgwetlho e tona ya go ipotsa ka fa a ka dirang ka teng le bookamedi jwa khanele ya gagwe gore batla baakanya ditsela ka madi a atswang kae.

Morolong a re selekanyo sa dikhilomithara di le makgolo a supa a ditsela tsa Kgatleng di senyegile fela mo go feteletseng.

A re jaaka ele monnasetilo wa kkhansele, o lebanwe ke maikarabelo a go sekaseka gore o ka bona kae madi ka ngwaga wa tiriso ya madi a sechaba o ya bokhutlong ka Mopitlo a fela.

Morolong a re ka na ditsela ke ditlhabololo tse di botlhokwa ka e le tsone di dirisiwang go tsamaisa ditiro tsa letsatsi lele letsatsi tsa thebolo ya ditirelo le go tokafatsa matshelo a Batswana. Fela Morolong a re, le fa ba sena madi, ga se gore ba tlaa phutha mabogo fela go itlhoboga, mme ba tlaa dira mo go tweng tlhogo ya monna matsatsa, ba dire maiteko a go baakanya ditsela tse ba kgonang go di bonna madi, bogolo jang tse di gorosang ditirelo le tsa go tswa mo malwapeng le go tsena. 

O tsweletse a bolela gore ngwaga le ngwaga e le khansele ga ba fiwe madi a a lekaneng go baakanya ditsela, mme fa go tla diemo di tshwana le se, ba tswanetse ba tla ka methale e mengwe ya go baakanya seemo sa ditsela. 

Selelo se sa tlhaelo ya madi a go baakanya tshenyo e e dirilweng ke Dineo mo ditseleng se lelwa gape bobe ke monnasetilo wa khansele ya borwa Alec Seametso, yo le ene a reng ga ba a phutha mabogo.  A re tshenyego e e tsile go lopa madi fela a a fetang sedikadike, se a reng ba tla a taboga lepaapaa e le khansele go kopa dithuso mo go botlhe ba ba ka kgonang go ba thusa.