Naledi

Ba a a ja jang?

A di tlhoafalela a apaya Slee. Go ise go ye kae, ke e bile di budule. Ga tsholwa, megopo ya tla, ga fiwa batho mme ra bona banna bangwe ke bao e re ba neelwa dijo, ba bo ba di gana, ba re bone ba ja mabele le kgomo. Mafoko a, a hakgamatsa Monwedi. Ra bona e re banna bale ba se na go tsamaya, a botsa gore a batho bale ke dikgomo le ditau.

Potso ya gagwe tota e ne e le gore, ke batho ba mohuta mang, ba e tla reng go jewa dijo, bone ba je mabele le dikgomo. Re ne ra kgaogana le kgang ya rona ya maloba fa, Monwedi a sa ntse a hakgamaletse batho bale go ja mabele le kgomo.

Re ne ra utlwa a re, ene o itse mabele a jewa ke dikgomo, fa dikgomo tsone di jewa ke ditau.

Basimane ba bangwe ba ne ba mo tlhalosetsa gore, e rile fa banna bale ba re ba ja mabele le kgomo, tota ba bo ba batla go fiwa bogobe le nama ya kgomo.

O ne a gana Monwedi a re, fa e le gore go ntse jalo, batho bale ba ka bo ba ne ba tlhamalatsa puo fela ba re, ba kopa go fiwa bogobe le nama ya kgomo, e seng gore ba re, ba ja mabele le kgomo. Fa basimane ba bangwe e kete ba tlaa dumalana le Monwedi, Tshetlha a fapaana le bone a re, batho bale ba buile sentle gore ba re ba ja mabele le kgomo.

Basimane ba bangwe ba botsa gore ke eng a bua jalo, mme a araba ka gore, bogobe bo dirwa ka mabele; nama ya kgomo le yone e tswa mo kgomong, jaanong dilo tse di a tshwana. A re mabele le bogobe go a tshwana, ke selo se le sengwe; fela jalo, nama ya kgomo le kgomo le tsone di a tshwana. Gone fa, kgang ya lowa.

A e tsaya kwa pele Monwedi, a botsa Tshetlha gore, ka a re mabele le bogobe ke selo se le sengwe, a e a re go lengwa, go jwalwa, go twe go jwalwa bogobe kana mabele? A tswelela a re, a e a re thaga e tlhasetse go letwa, go twe go letwa mabele kgotsa go letwa bogobe gore bo se jewe ke dinonyane? A feta foo a re, ka batho ba ja mabele, Tshetlha a bolele gore ba a ja jang. A jaaka dinonyane, ba somola tlhaka ya lebele mo seakong, kgotsa, jaaka kgomo, ba tsaya seako sotlhe ba tsenye mo ganong?

A nna a fetela pele ka dipotso Monwedi a re, ka dinonyane tsone di ja mabele ka go somola tlhaka ya lebele mo seakong, dikgomo tsone di ja ka go tsenya seako sotlhe mo ganong, motho yo o jang mabele ene, o a a ja jang? A ema Monwedi gore Tshetlha a mo arabe. Tsotlhe ya nna dipotso tse di thata. Basimane ba bangwe le bone ba tlhwaya tsebe go utlwa gore Tshetlha o tlaa araba jang.

Fa Tshetlha a araba, a dumela gore, fa go lengwa, go jwalwa peo ya mabele e seng ya bogobe; fa go letwa, go letwa dinonyane gore di se je mabele, e seng bogobe.

Go utlwa a araba jaana, basimane botlhe ba mo leba, ba mmotsa gore, ka o dumela gore go lengwa go bo go letwe mabele, e seng bogobe, ke eng jaanong a re batho ba ja mabele, a sa dumalane le Monwedi gore go jewa bogobe.

Fa a sa ntse a akanyetsa go araba potso e, ba mo tsena ganong ba re, a se lebale, a bolele gore, mme bone batho ba ba jang mabele, ba a ja a ntse jang; a ba a phura a le ditlhaka kana ba dira jang.

A bona tse tsotlhe e le dipotso tse di thata, go se gope kwa a ka yang teng, fa e se fela gore a ineele. Go fetsa kgang a re, le fa gone batho bangwe ba tlwaetse gore ba re ba ja mabele, tota ga go jewe mabele, go jewa bogobe.

A re mabele a a setliwa mme mo go one go tswe boupe. Boupe bo, bo apewe mme ke gone bo bidiwe bogobe.

Fa a ise a setlwe, mabele ke mabele, ga se bogobe; boupe bole le bone, fa bo ise bo apewe ga se bogobe ke boupe, mme e bile go bo bitsa sentle ke gore go twe boupe jwa mabele.

Kgang ya wela basimane botlhe ba dumalana gore batho ga ba je mabele, ba ja bogobe mabele a se na go setlwa, a tswa boupe. Boupe boo bo apewe mme ke gone bo nne bogobe. A le ditlhaka, nnyaa, ga a jewe. motshwanes@yahoo.com